Breaking News

Tona o atla paakanyo ya maemelo a dibese

20 Jun 2022

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Setlhabelo Modukanele o itumeletse maiteko a dirilweng ke khansele-potlana ya Mahalapye a go baakanya maemelo a dibase a Mahalapye le go aga marogo a mabedi kwa Shoshong.

Rre Modukanele o buile se mo potsosolosong ka Labotlhano morago ga loeto lwa gagwe lwa go lekola ka fa ditiro di tsweletseng ka teng. Mothusa tona a re go ya ka fa tebong ya gagwe, go a solofetsa gore go tla dirwa maemelo a sennela ruri, a tlhalosa fa se, sele botlhokwa ka motse wa Mahalapye o le mo thoko ga tsela e tona ya A1.

“Go botlhokwa gore maemelo a, e nne a a nonofileng, mme ke solofela fa go dirwa tiro e ntle le gone gore go tla fetswa ka nako le madi a beilweng.’’ Rre Modukanele a re go a itumedisa gore marogo a mabedi a fa sekoleng se se botlana le se se golwane sa Shoshong a bo a fedile are a tla thusa bana go roroga sentle fa pula e nele. Are o itumeletse gape gore dikompone tsa Batswana ke tsone di abetsweng go dira ditiro tse, ka ele maiteko a go fa Batswana sebaka sa gore ba ithute le gone go godisa dikompone tsa bone gore ba kgone ba dira le ditiro tse dingwe tse ditona. Are keletso ya puso ke gone gore kwa bofelong Batswana le bone ba tsenye letsogo mo ditlhabololong a supa fa se ele sone tlhabololo ya matshelo a Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati le Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 20 Jun 2022