Breaking News

Ntshang leruo mo tseleng

19 Jun 2022

Go tlogela leruo le saila mo ditseleng le mo toropong ke molato o mong wa seruiwa a ka tseelwang dikgato ke khansele le ba sepodisi.

 Inspector Collen Sinka, wa sepodisi sa Selebi Phikwe yoo o neng a bua kwa ya Balemi Bauri kwa merakeng ya Dikgokong bosheng o tlhalositse fa mo ngwageng wa 2020 go ntshitswe dikgomo di le 33 468 mo ditseleng mme mo ngwageng wa 2021 di ne tsa oketsega go nna 34 590.

 A re ba sepodisi ba atlhotse barui ka molato wa go tlogela leruo le saila mo tseleng ba le 214 le 119 ka dingwaga tsa 2020 le 2021 ka tatelano.

Inspector Sinka a re dipalo tse di supa fa leruo le sa tlhatlhelwe  mme a rotloetsa barui go tlhatlhela dikgomo go boloka matshelo

  A re ka ditsela ka bontsi di sena dipone, go dira gore dikotsi tsa tsela di nne dintsi mme batho ba latlhegelwe ke botshelo kana ba bona dikgobalo tse di masisi.

Fa leloko la komiti ya Ipabalelo Tseleng ya Selebi Phikwe Mme Seole Sosome a rotloeditse barui go thusa go hema dikotsi tsa tsela ka go hokotsa leruo mo ditseleng.                       

Mme Sosome a re leruo ga le letlelelwe go hula ka fa teng ga terata ebile ga le a tshwanelwa go bonwa le kgabaganya tsela ka gore le tsenya matshelo a bakgweetsi mo diphatseng bogolo jang bosigo.

A re se se a tshwenya ka gore bangwe batho ba kgaola terata le go utswa diheke tse di thibelang leruo gore le seka la tsena mo tseleng mme ba ye go di dirisa ko masimong kana meraka ya bone. A re ope yo tla tshwarwang a dira tshenyo e otla tseelwa dikgato, a tlhalosa fa go le botlhokwa go babaleladithoto tsa puso

Fa a tswa la gagwe Mookamela letlole la Motor Vehicle Accident (MVA) Fund Mme Gofaone Molosankwe a re go latlhegelwa ke botshelo ntateng ya dikotsi tsa tsela ke ditshenyegelo le mo pusong ka e tshwanelwa ke go thusa ka tsa phitho ga mmogo le go thusa go tlamela ba malwapa a batho ba ba amegileng mo dikotsing.

A re batho ba le 415 ba tlhokafetse mo dikotsing tsa tsela ka go farologana mo ngwageng o fetileng, a tlhalosa fa lekalana la MVA Fund le tsweletse ka go dirisa madi a mantsi mo dikotsing tsa tsela a fetang P500m. Mme Molosankwe a re se se a tshwenya ka jalo ba komiti ya Ipabalelo tseleng ba bone go le botlhokwa go kopanela dikgang tse le barui go hema dikotsi tsa tsela, a re “fa re tshwaragane re ka thusa go hema bothata jo.”

Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Lucas Modimana a re khansele ya Selebi Phikwe ga e na madi a go tsosolosa terata e ageletseng toropo. A re se se gwetlha barui gore ba tlhokomele leruo la bone go feta gore le seka la tsena mo toropong go itsa go baka dikotsi.

A re nako e tsile ya gore barui ba simolole go tlhokomelela leruo la bone mo dipolaseng gore le seka la thulwa ke dikoloi kana la jewa ke dibatana. O kopile banana go thusa batsadi ba bone go epa didiba mo merakeng ya bone go itsa gore dikgomo di bo di tsamaya di nwa metsi a leswe gongwe le gongwe.

A re se se ama gape le boleng jwa nama ya kgomo mo go itsang gore barui ba rekise dikgomo ka tlhwatlhwa e ko godimo.

Modulasetilo wa balemi-barui Rre Oaitse Goitsemang o lebogetse morero mme a ntsha matshwenyego a gore ba-na-le seabe botlhe ba kopanye ditlhogo go rarabolola dikgwetlho tse di lebaganeng balemi-barui.

O kopile lephata la metsi go tsibogela dipompo tsa bone tse di thubegileng go itsa gore metsi a tshologe ka go baka gore leruo le nwe foo. O kopile bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko, a re dikotsi tse di diragalang motshegare go supa fa bakgweetsi bangwe ba sa kgweetse sentle.

A re ba lephata la ditsela ba tsenye terata mo ditseleng go kganela leruo go tsena mo tseleng, a ba a kopa gore fa go tletseng dikgomo teng ba tsenye sesupo se se supang gore dikgomo di teng gore bakgweetsi ba kgweetse ka kelotlhoko.

Pitso ya Balemi-barui e  ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo sa “Tlhatlhela leruo o boloke botshelo” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : DIKGOKONG

Event : Phuthego

Date : 19 Jun 2022