Breaking News

Kgosi wa Diphuduhudu o lela ka go tlhoka ditlhabololo

19 Jun 2022

Kgosi Shaluka Dipina wa motse wa Diphuduhudu a re motse wa gagwe, fela jaaka metse e mengwe o tshwanetswe ke go akola meamuso ya lefatshe.

Mo potsolotsong, Kgosi Dipina o tlhalositse fa a tshwenngwa ke gore motse wa gagwe o saletse kwa morago ka ditlhabololo.

A re ditlhabololo di botlhokwa mo matshelong a batho mme sebe sa phiri e le gore di tla ka boutsana, le one mananeo a puso, bogolo jang morago ga go tlhagoga ga bolwetsi(e) jwa COVID-19.

Le fa go ntse jalo, Kgodi Dipina o boletse fa ba ka itumela fa tsela ya bone e e yang Molepolole le Letlhakeng e ka baakanngwa ka jaana e ka ba tswela mosola. A re tsela ke nngwe ya ditlhabololo tse di tlhofofatsang gore ditlhabololo tse dingwe di nne teng mo motseng.

O ne gape a supa fa a tshwenngwa ke bontsi jwa banana jo bo sa berekeng, seemo se a supang se dira gore ba felele ba ya go bereka kwa merakeng.

A re go ne go ka nna botoka fa ba ne ba ka kgona go tsaya mananeo a puso gore ba kgone go itshetsa.

“Botshelo jwa malatsi ano bo bokete mme fa go sena fa motho a berekang teng seemo se nna bokete le go feta,” a tlhalosa.

O ne a tswelela ka go rotloetsa morafe wa gagwe go ema ka dinao go dira a natla fa ba tshwereng teng gore matshelo a bone a tokafale.

A re o ngongorwa ke gore mananeo a go phakisa dikgomo le dipudi a eme mme a ne a thusa mo go tlhabololeng morafe wa gagwe ka bontsi jwa bone e le balemi le barui.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Dipina o ne a tlhalosa fa mmaboipelego wa bone a eme ka dinao go thusa banana, selo se a supang fa se tlaa ba tswela mosola ka ba tlaa ithuta botsipa jwa go itshetsa.

Mo go tse dingwe, Kgosi Dipina o ne a re o tshwenngwa gape ke go bona tlhokomelo ya bana kwa sekolong e sa nametse ka jaana batsadi ba ntse moriti o tsididi mo go tseyeng karolo mo dithutong tsa bone.

A re bana ba motse oo ba ne ba ka dira sentle mo dithutong tsa bone fa batsadi ba ka ema ka dinao go rurifatsa gore ba bona tlhokomelo e e siameng.

A re sebe sa phiri ke bojalwa jo bo nowang phetelela mme seo se nna le seabe mo tlhokomelong ya bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : DIPHUDUHUDU

Event : Potsolotso

Date : 19 Jun 2022