Temo-thuo ke bokamoso jwa Botswana-Kablay
19 Jun 2022
Batswana ba kopilwe go emela temo-thuo ka dinao ka e le yone bokamoso jwa lefatshe la Botswana.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Ngware, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephephe, Rre Liakat Kablay a kopa morafe go tsaya temo thuo ka tlhwaafalo. A re puso e tokafaditse lenaneo la temo la ISPAAD, mme seo se tla fa Batswana sebaka sa go lema ba dira dijo mo lefatsheng leno.
A re e re ntswa ditema di ne tsa fokodiwa go tswa ko go botlhano go nna nne, seo ga se kake sa nyemisa ope moko ka jaana ke ditema tse di lekaneng go ntsha dijo go jesa lefatshe.
Rre Kablay o ne a supa fa puso e tshwenngwa ke Batswana ba e reng ba sena go lemelwa ba bo ba tlogela masimo a bone batla go nna mogae. A re seo ka bo sone ke poelo morago mo maitekong a puso, a go thusa Batswana go ijesa le go lema ba rekisa go dira letseno la madi.
Mopalamente a re go botlhokwa gore botlhe ba ba tsayang lenaneo le lesha la ISPAAD, ba bo ba ititeile sehuba gore ba ya go tlhokomela masimo a bone go dira ka natla go ntsha dijo.
A re puso e buile le banka ya National Development Bank gore e thuse balemi ka go ba adima madi gore ba tokafatse temo ya bone. Rre Kablay a re temo-thuo ya malatsi ano ga se ya maloba, ka puso e batla go e tokafatsa gore e nne le dipoelo tse di nametsang.
Ka jalo, a re o dumela gore Batswana fa ba ka thwaafalela temo ba ka dira dijo tse di lekaneng go jesa botlhe le gone go rekisetsa mafatshe a mangwe.
O ne a supa fa go le botlhokwa gore dijo di lekane Batswana, ka seo se fokotsa ditlhwatlhwa le boturi jwa dijo mme Batswana ba ka tshelela mo letlepung.
Mo go tse dingwe, Rre Kablay o ne a kopa morafe go sala ba ithulaganya ka tse ba di akanyang bogolo jang mo go boneng dithuso, ka jaana komiti e e kgaoganyang melelwane e tsile go ba etela.
Mopalamente a re jaaka ba na le keletso ya gore ba thusiwe ke kabo ditsha ya letlhakeng go tswa ko go ya lephephe, seo se ka dirwa ka nako ya fa komiti eo e ba etetse.
Modulasetilo wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego o ne a kopa morafe gore ka nako ya fa ba dira dikopo tsa bone tsa mananeo a ditlhabololo, ba ele tlhoko gore ba tsenya tse di botlhokwa pele jaaka matlo a boroko a badiredi.
A re madi a dikgaolo a a thusang metse ka go farologana, a neela merafe go tla ka dikeletso tsa dithabololo tse ba eletsang go di dira, jaaka ntlwana ya borutelo ya bana ba bannye, ofisi ya mogokgo le tse dingwe.
Rre Tshenyego o ne a kopa komiti ya ditlhabololo go sa emele phuthego ya mopalamenete, go tla go bua ka dilo tse di ka bong di dirilwe go sena matsapa, mme a ba lemotsha fa diofisi di butswe gore batle go kopa thuso ntle le tiego epe.
E rile go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre John Koontse o ne a supa fa ba kopa go agelwa matlo a boroko a badiredi, ntlo ya pelegi, mme gape ba kopa molemisi le mmelegisi ka jaana ba sokola.O ne gape a kopa gore ba nne le ngaka ya bone gore ba bone thuso ya bongaka ka bonako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : NGWARE
Event : Phuthego
Date : 19 Jun 2022