Boko o rotloetsa maloko go tlhopha baemedi ba tlhwatlhwa
19 Jun 2022
Maloko a phathi ya Botswana National Front (BNF) a rotloeditswe go tlhopha baemedi ba tlhwatlhwa, ba ba supang boineelo mo mokgatlhong.
Se se builwe ke moeteledipele wa BNF, Advocate Duma Boko mo bokopanong jwa BNF, jwa kgaolo ya Bokone Legare, jo bo neng bo tshwaretswe go tlhopha komiti e ntsha ya kgaolo, ko Mahalapye ka Matlhatso.
Maikaelelo a mangwe a bokopano jo, e ne e le go sekaseka gore melolwane ya dikgaolo e ka kgaoganngwa jang, gore go tokafaletswe baemedi tiro ya go direla kgaolo sentle. “Tlhophang baeteledipele ba ba nonofetseng dipaka tse re mo go tsone le dikgwetlho tse di re lebaneng.Ba e leng gore fa ba tsene mo pusong, puso e ka tshegediwa,” ga bua Advocate Boko.
O ne a ba tlhalosetsa fa ba tlhoka batho ba ba nang le motlhala, boineelo mo mokgatlhong, a tlatsa ka gore boineelo ga bo supiwe ka go kgala mme bo supiwa ka ditiro.
Advocate Boko a re go botlhokwa gore maloko a sekaseke, a bo a kanoke, mongwe le mongwe pele ba mo tlhopha go nna moemedi. A re ene e le moeteledipele wa BNF, o ikemiseditse go dibela serodumo sa phathi le maikaelelo a yone, ka gore o kgathala ka dikeletso tsa maloko.
Ka jalo, o tlhomamiseditse maloko gore ga gona sepe se se ka tshikinyang kgotsa sa latlha BNF, mo go fitlheleleng maikaelelo a yone a go fetola puso.
A re ke sone se e reng fa boeteledipele jwa phathi, bo kopana le dikgwetlho, a bo bo boela ko malokong, go ya go tsaya megopolo le botlhale jwa gore tsela go tsewe efe.
Fa a ema maloko ka lefoko la kgothatso, mokwaledi wa kgaolo ya Bokone Bophirima ya South African Communist Party (SACP North West provincial secretary), Rre Madoda Sambatha o gakolotse maloko go ela tlhoko baemedi ba ba sa eteletseng pele dkeletso tsa phathi.
Rre Sambatha a re batho bangwe ba emela ditlhopho mo mekgatlhong ka maikaelelo a go fitlhelela di keletso tsa bone, e seng tsa phathi. Batho ba mofuta o, a re gape ba kgona go emela ditlhopho gore ba dirise maemo a ba a tlhophetsweng go tlisa tlhakatlhakano le kgaogano, mo mekgatlhong.
Ka jalo, o kgothaditse maloko a a tlaa fenngwang go tswelela a direla phathi le go dirisana mmogo le bao ba ba tlaabong ba ba fentse, a re se se botlhokwa e le go fitlhelela maitlamo a phathi e ikaegileng ka one. Mokwaledi wa SACP o gateletse gape gore go botlhokwa gore baemedi ba fe maloko kemedi e e maleba le go tlhaloganya fa maloko otlhe a na le tshwanelo, e e lekanang mo mokgatlhong.
Fa a ntsha malebo modulasetilo wa kgaolo, Mme Abigail Mogalakwe, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Mahalapye Borwa le ene one a rotloetsa maloko go dirisana mmogo ka kagiso le tshwaragano, le bao ba ba fentseng kgotsa ba latlhegetswe mo ditlhophong.
Mme Mogalakwe o ne gakolola maloko go tsaya ditlhopho tse ka neelano, a ba kopa gore ba seka ba ikgaoganya.
O ne a ba kopa gore e seka ya re morago ga ditlhopho ga nna le letlhoo, a tlhalosa fa ba tshwanetse ba neelana matsogo ba amogana sentle.
Se se botlhokwa ke go sela tsamaiso ya phathi morago le go amogela maduo a ditlhopho le bao ba ba fentseng ditlhopho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Ditlhopho
Date : 19 Jun 2022