Morafe o kopa gore tsela e tshelwe sekonotere
19 Jun 2022
Banni ba Ngware le Botlhapatlou mo kgaolong ya Letlhakeng/Lephephe ba kopile puso go ba tsenyetsa sekonotere mo tseleng e e ba golaganyang le Molepolole.
Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Liakat Kably ka Labone le Labotlhano.
Fa a ntsha pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ngware, Rre John Koontse o kopile mopalamente wa bone go batswa thuso ka tsela eo ka jaana e senyegile fela thata.
Rre Koontse a re tsela eo, e ba senyetsa dipalamo tsa bone, mme gape ba ba tshwanetseng go e tlhokomela ba sa dire jalo, ka gore fa e ne e gopiwa kgapetsakgapetsa e ka bo e le botoka.
A re tsela e botlhokwa fela thata ka e thusa gore badirelapuso ba seka ba tloga ba tshaba go tla go direla kwa motseng wa bone ba tshaba tsela e e maswe.
Kwa motseng wa Botlhapatlou, Kgosi Domkrag Omphithetse a re tsela e botlhokwa mo go tsiseng ditlhabololo mo kgaolong ya bone. A re ka jalo, fa puso e ka ba thusa go tsenya tsela eo sekonotere, go ka fefosa ditlhabololo mo motseng wa bone.
Kgosi Omphithetse a re nako kgolo ke eno ba ntse ba letile, jaanong morafe o fela pelo a tlatsa ka gore go botlhokwa gore tsela eo, e nne e gopiwa kgapetsakgapetsa.
Rre Kablay a re o tlhaloganya seemo sa tsela eo, mme e bile go le botlhokwa gore e nne e baakanngwa.
O ne a lemotsha morafe gore kana puso e santse e aparetswe ke mathata a letlhoko la madi, bogolo jang ka madi a mantsi a ne a dirisiwa go lwantsha bolwetse jwa COVID-19.
Rre Kablay a re keletso ya puso ke go bona ditlhabololo di ya ko Batswaneng, mme seo ga se nne ka bofefo jo bo eletsegang ka gore kabakanyo ya madi e kgona go supa tlhaelo. A re seo se raya gore ditlhabololo di tla bo dikgaoganngwa Batswana lefatshe lotlhe ka bophara.
Mopalamente o ne a kopa banni ba metse eo gore ba seka ba fela pelo, mme bogolo se se ka nnang molemo ke gore tsela eo e nne e gopiwa gangwe le gape.
A re sebe sa phiri ke gore bangwe ba ba thapiwang go gopa tsela eo, ga ba dire sentle mme morago manokonoko a tiro ya bone a babalele badirisi ba tsela.
Rre Kablay o ne a supa fa lephata la dipagamo le na le lenaneo la go bona gore ba ka thusa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego
Date : 19 Jun 2022