Breaking News

A Serule a se dirwe mmoulo

16 Jun 2022

Go wela mo dikgaolong tsa botlhophi tsa bopalamente tse di farologanyeng ga motse wa Serule go tshwanetse ga tsibogelwa pele ga ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga wa 2024. 

Kopo eo e roletswe lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo ka tshekatsheko ya molao-motheo ke moemedi wa banana ba Serule Rre Merafhe Lesego kwa phuthegong ka Labone. 

Rre Lesego a re gobo kgaolwana ya bone ya bokhanselara e wela kwa kgaolong ya botlhophi ya Tonota, mme kwa letlhakoreng la kemedi kwa palamenteng ba le ka fa tlase ga kgaolo ya Serowe Bokone, ke sekgoreletsi se segolo se se ba itsang go akola ditirelo jaaka Batswana ba bangwe. 

A re gangwe le gape ba akgaakgiwa ke bodiredi jwa puso ka ntlha ya ketsaetsego e e bakwang ke seemo sa bone, mme se se ba rontshe ditirelo tse di ba tshwanetseng. 

Moemedi wa lekgotla la baruti la motse wa Serule Mme Kedibonye Simon o ikuetse mo molao-motheong go lemoga kereke le baruti. 

Mme Simon a re bobedi joo ke ba-nale-seabe ba botlhokwa ba ba tsweletseng ka go dira go tlala ka diatla mo go ageng setšhaba, ka jalo a supa fa go le maleba gore molao-motheo o nne le ditshetlana tse di buang ka jone. 

Mo go e nngwe o ne a kopa gore molao o tlame puso go abela dikereke ditsha, a re ntle le lefatshe dikereke di ya go tswelela di goga bokete mme ebile di sa kgone go dira thomo ya tsone ya go bopa motho sentle di phuthologile. 

O bile gape a kopa molao go gagamatsa phogwana botlhe ba ba tsoulolang ditshwanelo tsa bana ka tsela epe fela. 

A re go kekela ga kgatako ya ditshwanelo tsa bana ke boleo jo molao o tshwanetseng wa bo bifela o sa oshaoshe. Mo boemong jwa komiti ya balemi-barui, Mme Lekopanye Ogorogile o kopile molao go tlhwaafalela go tshereganya barui le balemi tebang le tshenyo ya leruo mo masimo. 

A re maiteko a dikgosi mo kganngnyeng e go bonala a retela ka jaana dikgotlhang tseo di sa fokotsege. 

O tladitse ka go kopa gore mo go rarabololeng matshwenyengo ao go tlhongwe seelo sa go duelela tshenyo ya leruo fela jaaka go ntse ka e e bakwang ke diphologolo tsa naga. 

Mme Ogorogile o ne gape a lopa gore molao o iletse go sekwa ga ditsheko tsa bogodu jwa leruo kwa ga mmakaseterata, a bolela fa mokgobe wa ditsheko kwa makgotleng ao o dira gore dikgang di diege go reediwa mme tiego eo e bake go senyega ga bosupi.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : SERULE

Event : tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 16 Jun 2022