Borukutlhi bo a tshwenya kwa Palapye
16 Jun 2022
Banni ba Kgotla ya Khurumela kwa Palapye, ba tlhaloseditse Mopalamente wa kgaolo, Rre Onneetse Ramogapi fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa borukutlhi. Ba ne ba lekodisa mopalamente mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa mo kgotleng ya Makabe ka labobedi. Kgosi Dikakanyo Rammolai wa kgotla ya Makabe o boletse fa batho ba tlhorontshiwa ke dirukutlhi tse di iphitlhang fa molapong, di emetse go thukutha batho.
Bangwe ba banni ba boletse fa borukutlhi bo okediwa ke letlhoko la ditsela, ka jaana fa go le bosigo, dipagamo tsa setshaba di ba folosa kgakala le malwapa a bone, ka ntata ya ditsela tse di sa siamang. E ntse e le mo dikgannyeng tsa ditsela, Rre Lehedile Motshwaedi o ne a supa fa go na le borogo bo le bongwe fela, mme a kopa mopalamente Ramogapi gore ba thusiwe ka borogo jo bongwe, go ba thusa go tlola segautshwane.
Mo go tse dingwe, modulasetilo wa sekolo se segolwane sa Mabogo, Rre Moshe Motladiile o ne a tlhalosetsa mopalamente fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa ditagi mo baithuting, a tlhalosa fa di raela bana go dira maitsholo a a sa nnang sentle. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Khurumela, Mme Kelebogile Molebatsi o ne a itsese mopalamente fa ba ne ba kopane, go tla go abelana megopolo ka dikgang tse di ba tshwenyang.
Mme Molebatsi ba lela ka ditsela, letlhoko la matlo a borutelo gammogo le letlhoko la setsha se komiti go dira ditlhabololo mo go sone go dira letseno. O kopile gore go oketswe matlo a borutelo mo sekolong sa Mabogo le se se botlana sa Khurumela, a tlhalosa fa letlhoko la matlo a borutelo le bakile gore batsadi bangwe ba fuduse bana ba bone, go tila mosuke. Fa a kgwa banni dikgaba, mopalamente Ramogapi o tlhalositse fa itse ka kgang ya borukutlhi jo bo diragalang, mme a ba itsise fa a setse a lekodisitse ba sepodise ka kgang e.
Rre Ramogapi o tsweletse a ba gakolola gore ba dire ditlhopha tsa ntebele ke go lebele, ka jaana di ka thusa go lwantsha borukutlhi jo bo tsayang phekelo e sele. Mopalamente o ne a ba tlhalosetsa fa kgang ya tlhaelo ya matlo a borutelo e setswe morago, mme tona yo o lebaneng a solofeditse gore go tla agiwa sekolo ko Extensions, e le tsela ya go fokotsa mosuke.
Mo go tsa ditsela, Rre Ramogapi o ba itsisitse fa selelo sa bone se tla arabiwa, ka jaana gompieno ba ikaeletse go sekamela thata mo paakanyong ya ditsela, mme e tlaa re morago go sekasekwe dipone go leka go fokotsa dikgang tsa borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Simane
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 16 Jun 2022