Skelemani o rotloetsa banni go tsaya karolo
16 Jun 2022
Banni ba Sefhare ba lebogetse thuto ka tiro ya palamente le tshwanelo ya mopalamente wa bone.
Banni ba ntshitse malebo ao moraga ga motsamaisa-dipuisano tsa Palamente, Rre Phandu Skelemani a se na go ba tlhatlhalela ka tiro ya ntlo kgolo eo.
Rre Skelemani a re o bone gole botlhokwa go tsamaya le lefatshe a ruta setshaba ka tiro ya palamente, le lenaneo la “Botswana Speaks”- le le lomaganynag ditirelo tsa Palamente le setshaba ka maranyane. A re maikaelelo a mangwe a diphuthego tseo, ke go ikutlwela megopolo le matshwenyego a setshaba.
Rre Skelemani a re tiro ya palamente e tona ke go dira melao, e e ka tlhabololang matshelo a setshaba, go sena go dumalanwa ka ditshutiso tse di tlang ka mapalamente, ba ikaegile ka dikeletso kgotsa letlhoko mo di kgaolong tsa bone.
Ka jalo, o rotloeditse banni go dirisanya le mopalamente wa bone, Dr Kesitegile Gobotswang gore matshwenyego a bone a goroge sentle ko palamenteng, a re go dira jalo go ka ba thusa go nna le kemedi e maleba.
Rre Skelemani a re mapalamente gape a botsa matona dipotso ka seemo sa ditlhabololo sa dikgaolo tsa bone tsa botlhophi, le go tlisa megopolo e e kgonang go dumalanwa kgotsa go sa dumalanwe.
O gateletse botlhokwa jwa gore banni ba tllhaloganye gore bontsi jwa nako, le fa mogopolo wa mopalamente o ka tswa o le montle, palamente e kgona go sa o dumela.
Motsamaisa-dipuisano tsa palamente o tlhalosetse fa ditlhabololo di dirwa go setswe morago ditogamaano, ka jalo puso e simolola go loga maano, fa megopolo e amogetse mo mapalamenteng.
Rre Skelemani a re megopolo e kgona go seegwa go fitlhela go nna le madi a lekaneng go e dirafatsa.
Fa a tswa la gagwe, Dr Gobotswang o ne a lebogela Rre Skelemani go bo a iphile sebaka go tsamaya le lefatshe a ruta setshaba ka tiro ya palamente gore ba kgone go tllhaloganya ditiro tsa mapalamente a bone.
Morago ga phuthego, Rre Skelemani, yoo neng a patilwe ke Mokwaledi wa palamente, Mme Barbara Dithapo le Mogakolodi wa tsa melao wa palamente, Rre Linchwe Tlhowe, o ne a etela kokelwana e kgologolo ya Sefhare, e e ntshafaditsweng, ofisi ya mopalamente le tiro e e tsweletseng ya mosele wa kgopo ya metsi a leswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : SEFHARE
Event : Dithuto ka Palamente
Date : 16 Jun 2022