Breaking News

Mapodisi ba tlhotlhomisa dipolao tsa baratani

16 Jun 2022

Mapodisi a Mahalapye a re a tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa dipolaano tsa baratani mo kgaolong ya bone. Mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Omphile Malemenyane o boletse mo potsolosong  gore ba gatisitse dikgang tsa mofuta oo, di le pedi mo dibekeng tse pedi.

A re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse masome a mararo le bongwe, wa kgotla ya Manyaba, a fitlhetsweng a tlhokafetse mo kgotleng ya Rradibaga kwa Kalamare. O supile fa mme yoo, a ne a bonwa ke mofeti ka tsela mo maitseboeng, mme a begela ba sepodisi.

Supt Malemenyane a re ba sepodisi ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo, ba le phuruphutsha mme ba bona tshipi e go belaesegang ele yone e e dirisitsweng go tlhaba mme yoo. A re bane ba mo ragosetsa kwa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse.

Supt Malemenyane a re e ne yare morago ba amogela pego go tswa mo go ba losika gore ba belaela fa monna mongwe wa dingwaga tse masome a mararo le boraro, wa kgotla ya Rradibaga gone kwa Kalamare, e ka tswa e le ene a bolaileng mme yoo.

A re monna yoo, o itshupile fa pele ga lekgotla la ga makaseterata kgwedi eno e le lesome le boraro, le lesome le bone.

Mapodisi a Mahalapye gape a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse masome a mararo le bongwe, wa kgotla ya Flowertown, go belaelwang a bolailwe ke monna wa dingwaga tse masome a mararo le bone, kwa Mahalapye West.

Supt Malemenyane a re tiragalo e, e begetswe ba sepodisi ke monna yoo, morago ga go lemoga fa mme yoo a sa tshikhinyege, ba sena go tlhoka kutlwisisano bosigo. O boletse fa mapodisi a ne a ragogela kwa lefelong la tiragalo, kwa ba fitlhetseng mme yoo ka dikgobalo tse di masisi mo tlhogong, le selepe se go belaesegang e le sone se se dirisitsweng go baka dikgobalo tseo.

Supt Malemenyane o boletse fa mapodisi a ne a ragosetsa mme yoo kwa sepateleng, kwa go fitileng ga rurifatswa fa a tlhokafetse.

A re monna yoo o itshupile fa pele ga lekgotla la makaseterata ka Mosupologo, kgwedi eno e tlhola lesome le boraro, mme o tlaa boa a itshupa gape kgwedi eno e le masome a mabedi le bone, fa mmele wa mme yo o le kwa setsidifatsing sa sepatela go tlhatlhobiwa ke dingaka.

Supt Malemenyane o rotloeditse sechaba go kopa thuso mo go ba ba maleba jaaka dikgosi, baboipelego, bagolo ba motse, baruti le ba sepodise fa ba na le mathata go fema dikgang tsa bofuta o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 16 Jun 2022