Dada Foundation e abela bagodi dikobo
16 Jun 2022
Ba Dada Foundation ba bone go le botlhokwa go tsenya letsogo go thusa puso go tlhokomela bagodi ka e le bone pinagare ya lefatshe la Botswana Lekgotla le, le kopane le ba Best Choice le ne la abela bagodi ba le masome a ferabobedi le ferabongwe ba kgaolo ya Ikageleng Phase 1 le Phase 2 mo Selebi Phikwe dikobo ka Laboraro.
E rile a rola dikobo mo boemong jwa lekgotla la Dada Foundation Rre Lenamile Kebalepile go tswa kwa Bamangwato Motors mo Selebi Phikwe o tlhalositse fa ba itlamile gore gongwe le gongwe kwa ba tlhomileng madirelo teng ba nne le seabe mo matshelong a batho ba kgaolo eo.
O tlhalositse fa e se la ntlha Dada Foundation e aba, are lekgotla le tla tswelela le dira se, go tlisa phetogo mo matshelong a batho. E rile a amogela dimpho go tswa kwa go ba Dada Founadtion mothusa Kgosi wa kgotla ya Ikageleng Kgosi Molefhi Pilane o ne a lebogela dimpho a supa fa di tsile ka nako e e maleba ya mariga. O supile fa puso e le nosi e ka se kgone ka jalo a kgothatsa makgotla a mangwe le dikompone tse di ikemetseng go nna le seabe go fetola matshelo a batho ba ba mo tikologong ya bone. Kgosi Pilane a re morago ga gore ba Dada Foundation ba ipege kwa go bone fa ba na le keletso ya go aba, ba ne ba thulanya dithogo le ba ba maleba go dira dithulaganyo tsotlhe mme ba ne ba tswa ka maina a bagodi ba le masome a ferabobedi le boferabongwe go abelwa dikobo. Kgosi Molefhi o ne a supa fa bagodi ba le bantsi mme ba ne ba ka seka ba abelwa botlhe ka nako e le nngwe mme a kopa ba ba sa abelwang go nona dipelo ka mathe.
Kgosi Molefhi o ne a leboga ba Dada Foundation le Best Choice ka go supa mowa wa kutlwelo botlhoko mo bagoding ka lemme le ba lefiwang le sa lekana ka dithwathwa tsa dithoto di ile magoletsa.
O gwetlhile dikompone le batho ka bongwe go ikitaa ka thupa go tsenya letsogo go thusa gongwe le gongwe kwa go nang le botlhoki ka se se ka fokotsa manokonoko a lehuma le go tokafatsa itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe morago ga gore moepo wa BCL o tswalwe.
E rile a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolo ya Phase 2 Mme Ntlafatso Gosenyang o ne a kopa ba Dada Foundation go tswelela ka mowa wa kutlwelo botlhoko ka se se ka tlhofofaletsa puso mokgweleo.
O ne a ba kgothatsa go tswelela ka go tsena diphuthego tsa kgotla le go rerisana le magosi ka tse di ba tshwenyang mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Kabo dimpho
Date : 16 Jun 2022