Molao wa ikopelo boagedi o tshwanetse wa tlhofofadiwa
15 Jun 2022
Molao wa ikopelo boagedi o tshwanetse wa tlhofofadiwa gore lefatshe la Botswana le kgone go ngoka batho ba dikitso tse di rileng ba ba ka thusang go godisa itsholelo.
Boikuelo jo bo dirilwe ke modulasetilo wa mokgatlho wa balemi-barui wa Tati Farmers’ Association, Rre Andrew Seeletso fa a ne a lekodisa lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go goga kwa tlhogong tshekatsheko ya molao-motheo ka dikeletso tsa bone kwa phuthegong kwa Francistown ka Laboraro.
Rre Seeletso o tlhaloseditse lekoko fa lefatshe leno le santse le nale mosepele o moleele mo loetong la lone la ditlhabololo, mme ka jalo le tlhoka batho ba ba humileng dikitso le matsipa a a tlhokwang ke mehama e e farologanyeng gore le tle le kgone go sega tema e e bonalang mo go tsa ditlhabololo le go godisa itsholelo.
A re go inolofaletsa loeto, lefatshe la Botswana le tshwanetse la ngoka batho ba ba rileng ba ba ka le sologelang molemo ka go beeletsa mo go lone le go le thusa ka dikitso tse di ka le isang golo gongwe.
“Go nale batho ba ba nang le dikitso le maele ba re dumelang gore bokgoni le dikitso tsa bone di ka kgontsha lefatshe la rona go iteisanya borathana le mafatshe a mangwe. Gore batho ba, ba beeletse mo lefatsheng la rona ba tshwanetse gore ba bo ba nale tshepo ya gore fa ba batla go tsaya boagedi jwa lone ba ka seke ba engwe ke sepe pele,” ga supa jalo Rre Seeletso.
O ne kwa bokhutlong a kopa gore tsetlana ya gore moikopedi wa boagedi a bo a itse Setswana e phimolwe, a supa fa se se botlhokwa e le ka fa moikopedi a ka thusang lefatshe leno ka teng go gatela pele.
Rre David Mbulawa yo ene a neng a emetse bagwebi ba mo mebileng o ne a itsese lekoko fa ba eletsa gore ba sirelediwe ke molao segolo bogolo kgatlhanong le phadisanyo e e mashetla e batswakwa ba ba tshedisetsang mo go yone.
Rre Mbulawa a re go gweba ga batswakwa mo mehameng e e seegetsweng kwa thoko go akolwa ke beng-gae ba le esi go tsweletse ka go ya magoletsa le ntswa melao e le teng e e iletsang seo.
Se, o boletse fa se supa bokoa jwa tiragatso molao, mme o ne a kopa gore molao-motheo o arabe matshwenyego a bone e le bagwebi ba ba botlana.
A re tshireletsego ya bone e ka tlhomamisa gore bagwebi ba mo mebileng ba nna le seabe se se nonneng mo go tshegetseng ga mmogo le gone go godisa itsholelo. Moemedi wa mokgatlho wa bagwebi ba ba botlana wa Re Ya Kae Association, Rre Freddy Gaolatlhe ene o kopile gore molao o tlame gore beng ba dikgwebo-potlana tse di tlhokang lefatshe le ba ka di tsamaisetsang mo go lone ba abelwe ditsha go ya ka letlhoko la bone ka bongwe ka bongwe.
Rre Gaolatlhe a re go tlhoka fa ba direlang teng go ba paledisa go ka nna le seabe se se bonalang mo go agweng ga itsholelo, ebile go ba ketefaletsa go ka- dira sentle mo dikgwebong tsa bone gore ba tle ba kgone go ikinola mo lehumeng le go tlamela malwapa a bone ka tsela e e maleba.
O tlhalositse jaana, “Fa le ne le ka re fa ditsha re le ba dikgwebo-potlana, dikgwebo tsa rona tsa gola, lebelo la kgolo ya itsholelo le ne le ka oketsega mme lefatshe la rona la ya golo gongwe.”
Mme Theresa Mmolawa wa Emang Basadi o ne a lekodisa lekoko ka botlhokwa jwa gore molao o eme bomme nokeng ka go ba nolofaletsa go ka tsenelela merero ya tsa polotiki.
A re mo godimo ga keletso ya bone ya gore diphathi tsa sepolotiki di thusiwe ka madi a ipapaletso ditlhopho, puso e tshwanetse ya tlangwa ke molao go fa bomme ba ba emetseng ditlhopho madi a ipapatso. Seo, a re se ka nonotsha ipapatso ya bomme ka go ba thusa go emelana le tlhwatlhwa e e kwa godimo ya go ipapaletsa ditlhopho.
Mo keletsong ya Emang Basadi ya gore thulaganyo ya makhanselara le mapalamente a a itlhophetsweng e emisiwe, Mme Mmolawa o ne a bolela fa lekgotla leo le batla gore fa kopo eo e ka seke e atlege, bogolo thulaganyo eo e lebaganngwe le bomme fela, mme ba ba tlaa tlhophiwang ka yone tsamaiso eo ba bo ba tswa kwa diphathing tsa sepolotiki tse di farologanyeng.
Go sale foo, o ne a kopa gore go tlhongwe palo e e rileng ya dikgaolo tsa botlhophi e e tlaa phadisanyelwang ke bontlhopheng ba bomme ba le esi. Seo, o kaile fa se ka tlhomamisa gore palo ya bomme kwa dikhanseleng le kwa palalemnteng e a gola mme seo se nonotshe lentswe la bone mo mererong ya tsamaiso puso.
Mme Etani Benjamin wa African Women Entrepreneurship Programme o boletse fa ba eletsa gore go nne le ditsetlana mo molao-motheong tse di itebagantseng fela le ditshwanelo tsa bomme.
A re molao o tshwanetse wa tlama puso go disa ka tlhwaafalo ditshwanelo tsa bomme, le go ba sireletsa kgatlhanong le kgethololo ya mothale ope, ga mmogo le gone go tlhomamisa go tsewa ka tekatekanyo ga bomme le borre mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : FRANCISTOWN
Event : lekoko le le tlhomilweng ke Tautona
Date : 15 Jun 2022