Maduo a dikolo ga a jese diwelang
15 Jun 2022
Mogolwane mo lephateng la thuto go tswa kwa moding, Mme Zipporah Mapange a re maduo a dikole tse dikgolwane mo kgaolong ya Kgalagadi borwa ga a itumedise fa e sa le ka ngwaga wa 2017 go fitlha mo nakong eno.
O buile se bosheng mo moletlong wa kabo ditseele wa khansele potlana ya Tsabong oo neng o tshwerwe e le la ntlha fa e sale e simolodisiwa ka ngwaga wa 2020 ka nako ya bolwetsi jwa segajaja sa COVID-19.
O ne a tlhalosa fa dikole tse di botlana mo kgaolwaneng potlana eo di le masome a mabedi le botlhano fa tse dikgolwane di le pedi le se segolo sa Unified se le sengwe fa baithuti mo dikoleng tse ba le 9 246 go simolola kwa Kokotsha go fitlha kwa Struizendam. Lefa go ntse jalo o ne a supa fa kemo nokeng ya batsaa karolo botlhe e bonala mme sebe sa phiri e le maduo aa sa jeseng diwelang bogolo jang mo dikoleng tse di kgolwane fa tse di botlana a tokafetse, mme a kgothatsa batsadi, barutabana le setshaba go tsaya boikarabelo le tshwaragano go tlhomamisa gore baithuti ba tokofatsa maduo.
Mme Mapange o ne a tswelela ka go tlhalosa fa maduo a dikole tse di potlana a PSLE ngwaga oo fetileng e le masome a supa mo lekgolong go tswa ko go masome a marataro le bone mo lekgolong mme ebile go ne go sena sekole sa matshwao a ABC a a neng a le kwa tlase ga masome a matlhano mo legkolong. A re a a dikole tse di kgolwane a JC e ne e le masome a matlhano le boraro mo lekgolong fa a sekolo se segolwane a BGCSE e ne e le lesome le robabobedi mo lekgol ngogola go tswa ko go lesome le bone mo lekgolong ka ngwaga wa 2020.
A re dingwe tsa dikgwetlho tse ba nang le tsone mo kgaolwaneng di akaretsa tlhaelo ya didirisiwa, bodiredi, matlo a borutelo, le dikoloi.
O ne a supa fa dietsele di abelwa baithuti ba ba dirileng sentle mo maduong a PSLE le JC mo dithutong le a tshokobo ya dithuto tsotlhe.
Mme Mapange a re mo go se segolwane sa Tsabong Unified Senior Secondary go abelwa baithuti ba ba dirileng sentle ka letshwao la A kana A* setlankana, Sejana le seetsele. A re baruatabana ba ba dirileng sentle mo matshwaong a ABC mo ngwageng wa 2021,le bone ba abetswe dietsele e le tsela ya go ba tiisa moko.
Sebui sa tlotla sa letsatsi, Mme Dynah Kaartzee yo e leng mookamedi wa khamphani ya Yonatan Group e e leng yone e neng e abela baithuti dietsele o ne a supa fa mo nakong ya gompieno thuto e le yone konokono mo go betleng bokamoso jo bo eletsegang ebile bo itshetletse go ka itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo tsa nako eno.
O boletse fa moithuti wa tlhwatlhwa a tshwanentse go ipaakanyetsa go dira dithuto tse di maleba a dira jalo ka maranyane a segompieno go epolola dikitso tse di ka mo kgontshang go dira mo go eletsegang mo dithutong tsa gagwe le gone go fokotsa tiriso ya dibuka, phadisano le gone go arogana dikitso le ba bangwe. O supile fa lephata la thuto le simolodisiste mogopolo o o maleba wa go phadisanela dietsele ka seo se ka thusa mo go ntsheng bommantswitswidi ba maduo a a kwa godimo mo isagong mo kgaolong ya Kgalagadi ka tshwaragano le kemonokeng ya batsaakarolo botlhe le setshaba ka kakaretso.
Mookamedi wa lephata la thuto mo kgaolong ya Kgalagadi Mme Maipelo Kesenye o gwetlhile dikhamphani le botlhe go tswelela ka kemo nokeng go tokofatsa maduo ka go ikabela go thusa dikole.
Mme Kaatzee o tlhalositse gore khamphani ya gagawe e setse e abile di le makgolo a mabedi le masome a mararo le borataro. Moithuti wa sekoleng se segolwane sa Tsabong Unified maduong a tshoboko (overoll Best Student) a mophato wa botlhano a ngogola Rre Stanley Kaputo e ne ya nna ene yo o gaisitseng botlhe.
Maduo a mophato wa boraro a gapilwe ke Mme Segolame Kgomo, fa maduo a lokwalo lwa bosupa a gapilwe ke Mme Precious Mosantedi go tswa sekoleng se se botlana sa Omaweneno. Sekole se se botlana sa Bogogobo se gaisitse dikole tse dingwe mo kgaolong.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Moletlo
Date : 15 Jun 2022