Breaking News

Palapye e seegela p10million go baakanya ditsela

15 Jun 2022

Mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi a re ba dumalane gore go dirisa madi a dikgaolo, a P10 million, go baakanya ditsela mo kgaolong.

Rre Ramogapi o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Serorome, ka Mosupologo. O tlhalositse fa ba itemogetse letlhoko la ditsela mo kgaolong, mme ka jalo ba bone go le botlhokwa go itebaganya le tsone. Mopalamente o ne a ba itsise fa a tsweletse ka go bua ka letlhoka la sepatela ka jaana e le selelo sa bone sa malatsi otlhe, a tlatsa ka gore botsogo bo botlhokwa thata, ka jalo dikgang tsa teng di tshwanetse go tsewe tsia.

O ne gape a ba lekodisa ka dikgang tse ditshwenyang mo kgaolong di akaretsa borukutlhi le leswe la tikologo, melao e e dumalanweng ko palamenteng; e akaretsa ya go kwadisa mekgatlho sesha. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba supa fa kgang ya sepatela se se nang le bodiredi, bogolo jang, dingaka e tshwanetse go potlakelwa.

Ba ne ba supa fa kgang ya matlakala e sa siama gotlhelele, ba tlhalosa fa khansele le dikompone tse di ikemetseng di leka ka bojotlhe go rotloetsa go phepafatswa ga motse, mme sebe sa phiri e le ba ba busetsang maiteko ao kwa morago.

Banni ba supile fa ditsha tse di sa tlhabololwang, gammogo le diletso, di na le seabe mo dikgannyeng tsa borukutlhi.

Mongwe wa banni, Rre Ogolotse Eole o tlhalositse fa ba sa robadiwe ke dikgang tsa bogodu jwa leruo jo bo dirwang ke bana ba bone kwa masimong a Setatse. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Serorome, Mme Catherine Bolele o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa diletso, a re di tsamaelana le bogodu, jo bo anameng mo kgotleng ya bone.

Mme Bolele o ne gape a tlhalosa fa ma-cluster a leka, a re mo bogompienong batho ba tshaba go dira boloma-tsebe ka jaana motho wa bo a ntse a baya botshelo ba gagwe mo diphatseng. Mokhanselara wa Serorome, Rre Thabo Seomile o tlhalositse fa kgang ya dipone e tla sekwa-sekwa mo tsamaong ya nako ka jaana mo ngwageng wa madi wa 2022/23, ba tla bo ba itebagantse le kgang ya ditsela.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Simane

Location : PALAPYE

Event : Phuthego

Date : 15 Jun 2022