Tiriso ya ditlankana e a emisiwa
15 Jun 2022
Tiriso ya ditlankana tse di kgologolo tsa ditsha e tla ya bokhutlong kgwedi ya Phalane e ya fifing. Se se builwe ke mothusa modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Mmadinare,
Rre Sylvester Masweu mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Tshokwe ka Mosupologo. Rre Masweu o supile fa kwadiso ya ditlankana tsa disha e e saleng e simolotse ka kgwedi ya Moranang mono ngwaga e tlaa tsaya kgwedi tse thataro mme e tla wela ka kgwedi ya Phalane e ya fifing.
Ka jalo o rotloeditse batho botlhe ba ba nang le ditsha go di kwadisa nako e santse e le teng go itsa mosuke le go tshwarwa ke nako e e beilweng.
O tlhalositse fa diphetogo tse di dirilwe go somarela lefatshe le go tlhofofatsa matshelo a Batswana ka setlankana e tlaabo e le sa boleng jo bo kwa godimo. Le fa go ntse jalo, Rre Masweu o ne a supa fa diphetogo tsa molao di dirilwe go akaretsa Batswana go nna le seabe mo tlhabololong le tshomarelo ya lefatshe a supa fa setlankana se tshwanetse go somarelwa go itsa dikotlhao.
O supile fa molao o mosha o tlaa lopa madi a akana ka P1500 fa motho a latlhile setlankana ka jalo a ba kgothatsa go tlhomamisa gore se beilwe fa go ba balesegileng .
Rre Masweu o tlhalositse fa go ka se tlhole go le motlhofo go rekisa lefatshe ka gona le dilo dingwe tse di tla tlhokiwang gore motho a bo a ka fetisetsa lefatshe kwa go yo mongwe.
A re molao o o neng o batla gore pele motho a fetisetsa setsha ko go yo mongwe a bo a se tlhabolotse, ga o sa tlhole o le mo tirisong ka jalo go ya go tlhokega madi a a kanang ka P3000 le bontlha bongwe ja madi jo bo tla bong bo lopiwa ke ba makgetho. E ntse e le go ne kwa phuthegong eo, mothusa mokwaledi wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Mmadinare, Rre Kenneth Maphula o supile fa e tlaare morago ga go wela ga kwadiso ya ditsha mongwe le mongwe yoo nang le setsha o tlaa bo a duela madi a a kana ka lekgolo ngwaga le ngwaga .
Rre Maphula o supile fa bontsi jwa ditsha tsa bonno di setse di potietswe mme go setse tsa masimo tse ba solofelang fa e tlaare mo nakong e e seng kgakala ba bo ba simolola tiro ya teng mme a rotloetsa morafe go baakanya mekono ya masimo go tlhofofaletsa ba ba tlaa bong ba romilwe tiro eo.
Le fa go ntse jalo, banni ba motse wa Tshokwe ba ne ba supa fa ba ratile thata molao o mosha wa thekiso ya lefatshe ka se se ntse se sa ba bontshe boroko. Ba supile fa go bona lefatshe mo
malatsing a gompieno go se motlhofo mme ba tshwenngwa ke gore ba santse ba nna le bana ba bone mo malwapeng mme ba ne ba abetswe ditsha ba bo ba di rekisa.
Banni ba ne ba tswelela ka go supa fa dikatlholo tsa madi a P3000 di sa lekana fa go lebilwe ka fa lefatshe le rekiswang ka teng, ba supa fa bontsi jwa lefatshe le rekisetswa batswakwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : TSHOKWE
Event : Phuthego
Date : 15 Jun 2022