Breaking News

Khansele e tsweletse ka go tsaa matlakala

15 Jun 2022

Khansele ya toropo ya Gaborone e ikemiseditse go ruta setshaba ka tiriso poeletso ya matlakala le go kgaoganya matlakala go ya ka tiriso ya one.

Mothusa mokwaledi wa Khansele, Rre Olebile Mafala buile se kwa phuthegong ya babega dikgang mo Gaborone ka Labobedi a tlhalosa fa go dira jalo go ka fokotsa ditshenyegelo tse dintsi, ka go tla a fokotsa selekanyo sa matlakala a a latlhelwang kwa lefuting la matlakala le le kwa ntle ga toropo.

A re ba dirisa madi a mantsi go isa matlakala kwa lefuting, a bolela fa le go baakanya dikoloi le gone go lopa madi fela a mantsi. O supile fa go latlhela matlakala mo thoko ga ditsela tsa toropo ke setshaba go tsweletse.

Rre Mafala o kopile setshaba go emisa go gasagasa matlakala, a supa fa go le borai, gape go ba okoletsa tiro ya bone e le khansele. Ene erile go le pele, Ratoropo o mosha wa khansele wa toropo kgolo Gaborone, Rre Austin Abraham a solofetsa banni ba Gaborone gore matlakala a tsweletse ka go tsewa, mme ebile mo nakong ya gompieno ba setse ba fetile sephatlo sa go olela matlakala mo toropong.

Rre Abraham o tlhalositse fa ba ntse ba na le bothata jwa dikoloi tse di tsayang matlakala, mme jalo le batho ba ba ikemetseng ba ba neng ba thapilwe ke khansele go lebega ba ne ba sa kgone go ntsha maduo. A re ba itse ka seemo sa gore matlakala a ntse a sa tsewe mo dikgaolong tsotlhe tsa toropo, mme ba simolotse go tsibogela seemo se beke e e fetileng.

O solofeditse fa matlakala a tlaa tsewa otlhe mo nakong e sa fediseng pelo. Fa a bua ka tendera ya go olela matlakala mo Gaborone, Rre Mafala a re ba setse ba tsamaela go wetsa go abela batho ba ba ikemetseng tiro e ya go olela matlakala gore ba tle ba kgone go tokafatsa seemo.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 15 Jun 2022