Breaking News

Mokgatlho wa baruti o sokolola morafe o itlhobogileng mo botshelong

15 Jun 2022

Mokgatlho wa baruti wa Boela Gae Marriage Seminar mo Serowe, o tsweletse ka go tsamaya motse le motsana go rera lefoko la Modimo le go thatsa batho. fa batho ba ba lebaneng le dikgwetlho tsa botshelo lefoko la Modimo le go ba kgothatsa.

Mo potsolosong le Moruti wa kereke ya Paje Pentecostal Holiness Church, Reverend Bishop Morategi Selapa bosheng mabapi le maikaelelo a mokgatlho, o boletse fa maikaelelo a bone e le go tsena mo malwapeng a amilweng thata ke botlhoki, le ko manyalo a sa robalelwang teng ke ditlhokwa, gammogo le go thusa mo matlhokong mangwe a ba sa kgonang go thusiwa ke puso.

O boletse fa konokono e le go ba ruta ka bogosi jwa legodimo, gore ba beye botshelo jwa bone mo dithapelong, mme ba seka ba itlhoboga mo botshelong. Moruti o boletse fa ba kopana le banana ba ba sa berekeng, mme ba ba neele mafoko a kgothatso gore ba seka ba itlhoboga mo botshelong, mme ba lebe ko go ramasedi.

A re ba kopana gape le malwapa a nang le dikgokgontsho go ba fa mafoko a molemo a Modimo gore ba robalelwe ke ditlhokwa, le go rotloetsa ba ba sa nyalanang go nyala ka fa molaong. Mo go ba ba inaakantseng le ditagi, a re ba ba kopela dithuso mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi le batho ka bongwe ka bongwe gore ba tswe mo botshelong jwa ditagi.

Moruti Selapa o boletse fa ba setse ba etetse metse e le mmalwa, mme a bolela gore ba ne ba tsena ko motseng wa Dibete, ko ba fitlhetseng matlhotlhapelo a ditiragalo tse di maswe, ko bagolo ba ratanang le bana ba bone, go le dithubetso le dikgokgontsho ka mehuta ya tsone.

A re ba ne ba fitlhela lelwapa lengwe la mme wa dingwaga tse di masome mane, a nna mo ntlong ya Setswana e e sa rulelwang, go ageletswe ka dipolaseteke, mme a robala mo teng le bana ba gagwe le bana ba bana ba gagwe ba le bantsi thata.

A re mo nakong ya dipula ba kopa boroko ko baagisaneng nabo mme go sa lekane. A re ba ne ba bona gore ba ba rekele dingata tsa bojang di le masome a le mararo go rulela ntlo, mme morago ba tlaa leka go aga lebotana lwa ntlo.

Moruti o boletse fa ba ne gape ba etela ko motseng wa Thabala, ko ba fitlhetseng monnamgolo le mosadimogolo ba ba tsofetseng ba le bokoa, mme ba itshetsa ka go rathola bojalwa. Moruti a re ba ne ba ba rotloetsa go tlogela go rekisa majalwa, mme ba rekise dikarolo tsa dikoko.

O boletse fa ba ne ba fetoga jaanong e bile ba tsena kereke, le botsogo jwa bone bo tokafetse. Maikaelelo magolo a mokgatlho o, a re ke go gogela batho mo thapelong gore ba inaakanye le dikereke.

Bangwe ba baruti ba mokgatlho o ba ba boloditseng letsholo, ke moruti Oshea Ntesetsang wa kereke ya Palapye Sons of God le moruti Nathaniel Masukusuku wa kereke ya The Will of God. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 15 Jun 2022