Breaking News

Tona o Tshwentswe ke Seemo Sa Matlakala

15 Jun 2022

Mopalamente wa kgaolo ya Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape o supile fa a tshwenyegile thata ka seemo sa matlakala a gasagasameng mo tikologong ya motse wa Kanye le metse e e mabapi. Dr Kwape o buile se mo puisanyong , morago ga phepafatso ya tsela ya Kanye-Jwaneng (A2), e e neng e eteletswe pele ke khansele ya Kanye, Mabutsane le Moshupa.

“Tebego ya tsela ya A2 ga e a nna sentle, bogolo jang ka ele tsela e tona e e dirisiwang thata ke bajanala,” ga bua jalo Dr Kwape.

O gakolotse gore ga go tlhokafale gore gonne le molao go phepafatsa tikologo, a tlatsa ka gore mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya maikarabelo le go netefatsa gore tikologo e ba nnang mo go yone e phepa ka nako tsotlhe.

A re go botlokwa gore batho ba itse bodiphatsa jwa matlakala, mo botsogong jwa motho le diruiwa. Fa a bua ka botlhokwa jwa matlakala, Dr Kwape o supile fa matlakala a na le mosola, ka ebile a na le bokgoni jwa go tlhama ditiro.

Dr Kwape a re, “Matlakala a ka dirisiwa, a kgona go phuthiwa, a farologanngwe go ya ka mefuta ya yone, a tlhame dikgwebo, jaaka re itse banana ba sena ditiro jaana.” O gakolotse banana go tsaya karolo mo kgwebong ya tiriso ya matlakala, go leka go itshetsa ka go somarela tikologo. Dr Kwape o supile fa thulaganyo e, ya go phepafatsa tiro e thusitse. “Jaaka re ntse re tsweletse re phepafatsa tsela, re lemogile fa gona le tshenyo e ntsi ya go utsiwa ga terata e e ageletseng tsela,” a supa jalo.

“Rona ba re direlwang bontle, ke rona gape re tsayang terata e e leng gore e sireletsa tsela gore diruiwa tsa rona di seka tsa tsamaela mo tselang, seemo se ke sone se se bakang gore dikotsi di nne dintsi.”

A re Batswana jaanong go lebega e le gore go itseela dilo go atile, ka e bile le dipone tsa mekgwatha ba setse ba di tsaya.

“Ke kopa ka tswee-tswee gore lo itse gore lo direlwa bontle jalo lo seka lwa itshenyetsa,” ga kopa Dr Kwape. O ile a gakolola gore yo o bonang dirukutlhi tsa mofuta o, a tseye kgato ka go loma mapodisi tsebe. O ne a lebogela kemo nokeng ya banka ya Stanbic mo phepafatsong eo.

Fa Mokwaledi wa Khansele potlana ya Kanye, Joseph Banyatsang a re kgang ya tikologo ga se e leng gore e ka lebagana le khansele e le nosi, ka jalo e tshwanetse gore e tshwaraganelwe.

A re thotloetso ya ga Dr Kwape, dikompone le badirela puso mo go phepafatseng, ke selo se se ba kgothatsang e le khansele potlana ya Kanye.

“Re le khansele potlana ya Kanye, kgang ya matlakala ke nngwe ya ditiro tse re di dirang go netefatsa gore tikologo ya rona mo Kanye e nna phepa,” a tlatsa jalo Rre Banyatsang.

A re le fa gontse jalo khansele e ikemiseditse go dira ka thata go tlhomamisa gore tikologo e nna phepa, a tlatsa ka gore ba kopa thuso mo mongwe le mongwe go tsaya karolo go netefatsa gore maikaelelo a, a atlega. A re kgwedi ya Seetebosigo e seegetswe fa thoko go babalela tikologo le go netefatsa gore tikologo e nna phepa.

“Fa o bona o latlha matlakala ka tsela e e sa babalesegang, o tshwanetse gore o itse fa o busetsa setshaba sa Botswana ko morago, ka se se baka ditlamorago tsa malwetsi,” Rre Banyatsang a tlhalosa.

Fela jaaka tona, Rre Banyatsang le ene o ile a gakolola fa matlakala a ka nna le dipoelo tse e leng gore motho o kgona go itshetsa ka one ka go a somarela le go a busetsa mo tirisong.

A re dikgoro tsa bone dibutswe go amogela megopolo e e ka thusang gore matlakala a ka dirwa jang go somarela tikologo.

O tlhalositse fa khansele e dirisa madi a a boitshegang go phephafatsa tikologo, a atlatsa ka gore fa batho botlhe ba ka phepafatsa tikologo, seo se ka boloka madi a mantsi go dira ditiro tse dingwe tsa setshaba.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : Puisanyo

Date : 15 Jun 2022