Mapantsula ga se magodu
15 Jun 2022
Moeteledipele wa Botswana Pantsula Association o kopile setshaba go amogela mokgatlho wa bone o maikaelelo a one eleng go thusa puso go lwantsha botlhokatsebe le kgokgontsho ya bong.
Rre Peter Modise o buile se kwa Kanye ka Matlhatso jaaka fa ba ne ba abela Gamaila Real Pantsula Branch setlankana sa go nna leloko la mokgatlho o motona wa Botswana Pantsula Association.
Rre Modise o tlhaositse fa maloko a mokgatlho wa mapantsula e se magodu jaaka bontsi bo akanya.
O gateletse thata gore ba itebagantse le go aga maloko a mokgatlho fa ba lemoga fa mongwe wa bone a tswa mo tseleng.
O ne a kopa maloko go inaakanya le magosi, mapodisi ga mmogo le barutabana, ka maikaelelo a go aga bana le go ba rotloetsa go ikgapha mo botlhoka tsebeng. O supile fa ba ne ba tumile ka go tsamaya ka dithipa, mme a supa fa ba emisitse go dira jalo ka gore di ne di ba senya leina.
Rre Modise a re ba na le dikgaolo di le masome a mane le bobedi mono gae, e bile toro ya bone ele go bona di tshwere ka thata go latedisa maikaelelo a mokgatlho. A re mokgatlho wa bone o kwadisitswe semmuso, ebile ba na le molao motheo.
Fa a leboga modula-setilo wa Gamaila Pantsula Rre Kabelo Tsalaile are go a nametsa go bona mokgatlho o gola.
A re ba tla tswelela ka go inaakanya le dikomiti tsa motse go bona ka fa ba ka thusang ka teng, a tlhalosa fa ba setse ba kile ba ya go phepafatsa kwa motseng wa Moshana ka maikaelelo a go rotloetsa tikologo e e phepa. BOPA
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Kabo-dimpho
Date : 15 Jun 2022