Breaking News

Ba-na-le-bogole ba tlhoka thutuntsho

14 Jun 2022

 Ba-na-le bogole ba tlhoka go rutuntshiwa gore ba nne badiri ba popota. 

Moemedi wa Tati Town Disability Rre Ditiro Dijeng o boleletse Lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko molao-motheo kwa Tati Town maabane fa maipato a a bogologolo a go tlhoka go thapa ba-na-le bogole gotwe ga ba na bokgoni a siilwe ke nako. 

“A molao-motheo o dire gore puso e tlamege go rutuntsha ba-na-le bogole fa ele gore ga ba na bokgoni,”ga bua jalo Rre Dijeng, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore mananeo a itshetso a ba-na-le bogole ba thusiwang ka one a bo ele a ba a itlhophetseng. 

Mo mading a a fiwang ba-na-le-bogole a itshetso, Rre Dijeng a re matsana ao a mannye fela thata ka jaana mo-na-le bogole a a kgaogana le batlhokomedi ba gagwe. Rre Dijeng o ne are go bokete gore ba-na-le bogole ba tsene mo dikagong segolobogolo tsa puso. Seemo se go ya ka ene se tshwana le sa dipalamo sa setshaba tse a reng ga go  bonolo go di palama fa motho a na le bogole. 

Ba Ghetto Artists bone ba supile fa ba ema nokeng molao o o reng mmolai le ene a bolawe. Mme Lebopo Phologolo yo o neng a bua mo boemong jwa Ghetto Artists o ne gape a kopa gore molao-motheo o lekalekanye merafe le gore makgotla a a tshwanang le la ditlholwa, ofisi ya mmueledi di ikemele ebile di ise dipego tsa tsone kwa palamenteng eseng ko ofising ya ga tautona jaaka go diragala mo nakong eno. 

Tshwanelo ya metsi a a phepa,ditsha, matsana a a fiwang bao ba ba senang ditiro go ya ka Ghetto Artists e tshwanetse ya nna bontlha bongwe jwa ditshwanelo tse di kwadilweng tsa bo tsa sirelediwa ke molao-motheo.

 Mme Maduo Mbambi wa Link to Adolescent Girls and Young Women o ne a kopa gore tsetlana ya lesome le botlhano ya molao-motheo e sireletse ba-na-le bogole le batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwefela. O tlhalositse gape fa go le botlhokwa gore molao-motheo wa Botswana o tsenye mo tirisong melao ya mafatshefatshe. 

Mme Mbambi a re tshekatsheko molao-motheo e tlaa bo e sa felela fa go sena molao o o kgatlhanong le letlhoo. Mogopolo wa ba Young Women Christian Association ba ba neng ba emetswe ke Mme Barbara Mosweu e nnile gore go agiwe mafelo a bagodi. 

Fa a ntsha la gagwe, Rre Obusitse Nshakashogwe wa United Souls e ne o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore molao-motheo o akaretse batho botlhe go balelwa le batho ba ba nnang mmogo ka bong jo bo tshwanang. 

“Re lemogile gore batho ba ba tlogetswe kwa ntle. A molao o ba sireletse gongwe le gongwe. Re lemogile gore batho ba go nna jaana ga ba letlelelwe le gone go aba madi tota,” o ne a tlhalosa. Mafoko a ga Rre Nshakashogwe a ne a gatelelwa ke Mme Wandipa Chabe wa LEGABIBO yo a reng molao-motheo o tshwanetse wa sireletsa motho mongwe le mongwe go sa kgathalasege gore ke wa bong bofe kgotsa o amana jang le batho ba bong jo bongwe. 

Fela jaaka dibui tse dingwe Mme Chabe a re thuto ga mmogo le botsogo jo bo lolameng di tshwanetse tsa nna tshwanelo ya motswana gongwe le gongwe kwa a leng teng. 

Go ya ka ene nako e gorogile ya gore molao-motheo o laole gore setshaba se rutiwe ka go ratana ga batho ba bong bo le bongwefela go simolola fela kwa dikoleng tse di potlana gore setshaba se tlhaloganye se be se amogele batho ba go nna jalo.Rre Potlako Malikongwa wa  Business Chamber o ne are lefatshe la Botswana le tseye malebela mo mafatsheng a a dirang sentle thata mo go tsa kgwebo jaaka bo Dubai mme le dirise dikitso tsa go nna jalo go tlhabolola le go rotloetsa bagwebi. 

Rre Malikongwa yo o boleletseng Lekoko fa lekgotla la gagwe le sa dumalane le thulaganyo ya go tlhophiwa ga  tautona, a kopa gore molao o patike puso go akaretsa bana-le bogole mo tsamaisong ya go itlhophela makhanselara le mapalamente a a haphegileng. 

Mme Lucia Matumba ene o ne a supa fa thulaganyo ya thuto ya lefatshe leno e tshwanetse ya fetolwa gore bana ba rutuntshiwe thata go ya ka bokgoni jwa bone e be go agiwe dikolo tse di ka dirang gore se se kgonagale. BOPA

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : FRANCISTOWN

Event : tshekatsheko molao-motheo

Date : 14 Jun 2022