Breaking News

Makhanselara ba etela polase ya Malatswae

13 Jun 2022

Mokhanselara wa Malatswae, Rre Bernard Kenosi o kopile bodiredi jwa khansele potlana ya Serowe go neela komiti e e tlhophilweng go tsamaisa polase ya morafe wa Malatswae marapo gore e nne bone ba e tsamaisang. A re fa bodiredi jwa khansele bo ka seka jwa dira jalo, polase eo ga e na go ya gope mme e tlaa felela e phutlhama.

O buile se ka Labone jaaka makhanselara a khansele potlana ya Serowe ba ne ba etetse polase eo go bona gore e tsweletse jang. A re go matshwanedi gore polase e nne mo diatleng tsa ba ba tlaa e tsamaisang gore ba kgone tiro ya bone go ya pele mme ba thusiwa ke bodiredi jwa khansele.

Rre Kenosi a re go maleba gape gore komiti e e tlaa tsamaisang polase, e baakanyetswe koloi e e e filweng ke Debswana Diamond Company le madi a a leng teng mme ba bo ba a dirisa ka tsamaiso.

A re bodiredi jwa khansele bo tshwanetse bo rutuntshe komiti gore e dire jang go fitlhelela e itse gotlhe mo go tshwanetseng go dirwa e bo e ikemela ka nosi. O supile fa polase ya setshaba e ka seka ya tsamaisiwa ke motho a le mongwe mme ya tswelela.

Rre Kenosi a re polase eo ya morafe wa Malatswae e ne ya direlwa moalo mme e supa tse ba eletsang go di dira. A re mo moalong wa bone, ba ne ba eleditse di boer goat mme ya re khansele e ya go reka ya reka mofuta o sele.

A re ba ne ba supile gape gore e re go rekiwa dipudi, go bo go setse go na le motlhokomedi wa polase, e le ene a di rekang abo a reka le melemo ya tsone go itsa tshenyego e e ka diragalang mme seo le sone se ne sa seka sa diragala.

O supile fa mo nakong eno motlhokomedi wa polase a ise a nne teng mme botsogo jwa dipudi e se jo bo itumedisang. Modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe, Rre Lesedi Phuthego o ne a supa fa makhanselara ba ne ba bona go tshwanela go ya go bona gore polase ya Malatswae e tsweletse jang.

A re ba ne ba lemoga fa dipego tse di neng di rolelwa bokopano jwa khansele potlana ya Serowe tse di tswang kwa bodireding jwa khansele le kwa go mokhanselara wa Malatswae di sa tshwane.

O ne a supa matshwenyego ka seemo sa polase, a supa fa go sule dipotsane le dipudi tse dintsi mme a re o na le tsholofelo e e tletseng ya gore ditshwetso tse di tlaa tsewang ke khansele fa ba sena go bona seemo, di tlaa akolwa ke banni ba Malatswae.

Pego e e neng ya rolelwa makhanselara ke mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Serowe, Mme Motshidisi Mmolawa e ne ya supa fa Debswana e ntshitse P1.4 million mme ba kgonne go reka dipudi di le 93. A re go ne ga swa dipotsane di le 24.

A re khansele e ne ya dira maiteko a go batla motlhokomedi wa polase mme ga seka ga kgonega ka yo ba neng ba mmiditse a ne a seka a atlega mme ba phatlalatsa kopo eo gape.

A re ba na le tsholofelo ya gore e tlaare mafelong a kgwedi eno, motlhokomedi wa polase a bo a setse a le teng.

O solofeditse makhanselara le komiti e e tsamaisang polase gore khansele e tlaa rekisa dipudi tse di teng mme e reke tse di elediwang ke morafe wa Malatswae.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MALATSWAE

Event : Loeto

Date : 13 Jun 2022