Breaking News

Morwaeng o kopa baeteledipele go sala molao morago

13 Jun 2022

Badirelapuso ba kopilwe go emisa go tshwenya ba bangwe ka se seka kgopakgopetsa melao le ditsamaiso tsa puso.

Se se builwe ke Tona wa Lephata la Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Rre Kabo Morwaeng ka Matlhatso kwa Maun fa a buisa badirelapuso, a supa fa puso e itemogela fa bangwe ba na le go sa dirisa maemo a bone sentle ka go sa sala morago tsamaiso ba re ba bakisa bangwe ka bone.

Tona Morwaeng a re go le gantsi dikgetsi tse di felelang di le kwa makgotla tshekelo kana kwa diofising tsa bo tona di a bo di dirilwe ke go tlhoka go sala tsamaiso morago ga bangwe ba ba beilweng mo maemong a boeteledipele.

A re go le gantsi maphata a ga goromente a dira dilo tse di tshwanetseng go tshwana, ka pharologanyo a re se se supa gore bangwe golo gongwe ga ba dire sentle.

Tona Morwaeng a re go tlhoka go sala ditsamaiso morago go baya goromente ka fa mosing mme a kopa bodiredi gore ba tswe mo moweng wa go bogisana le ntswa ba itse thulaganyo le melao ya bodirelapuso.

‘’Dirisang maemo a lona ka fa go tshwanetseng gore bodirelapuso bo tie ebile bo gole, le kgone go fa Batswana ditlamelo tse di ba tshwanetseng,’’ Rre Morwaeng a tlhalosa.

O kopile babereki go nna seopo sengwe mo tirong a re se, se ka thusa go netefatsa gore go berekelwe mo tikologong e e nang le kagiso le thokgamo.

E rile a tsibogela matshwenyego a babereki, Rre Morwaeng a tlhalosa fa a tlaa bua le tona wa Lephata la Botsogo ka go tlhaelo ga dingaka mo go tlhalositsweng fa go dira gore tiro e nne ntsi mme balwetsi ba felele ba robala mo sepatela ba emetse go bona thuso.

Tona o ne gape a tlhalosa fa modiri mongwe le mongwe a tshwanetse go fiwa didirisiwa le diaparo tse di faphegileng tse di tshwanetseng tiro ya gagwe gore di mo kgontshe go dira tiro ya gagwe.

O supile fa go kabakanya maphata go ya ka fa go tshwanetseng, go tlaa araba matshwenyego ka bontsi, segolo bogolo mo dikgaolong kwa o fitlhelang maphata mangwe a sa itse gore a wela ka fa tlase ga lephata lefe.

Rre Morwaeng o kopile bodiredi go nna pelotelele ka go bo thulaganyo e e santse e le ntsha mme go tlaa tsaya nakonyana gore sengwe le sengwe se itshetlele.

Mmereki wa kwa sepateleng sa Letsholathebe, Rre Gaopalelwe Mogaping o ne a kopile tona go tsibogele tlhaelo ya bodiredi segolo jang dingaka a re se, se dira gore balwetse ba tlhole kwa bookelong ba emetse thuso.

Mmereki kwa lephateng la metsi le kgopo ya metsi, Rre Mmoki Mothoiwa o tlhaloseditse tona fa babereki ba lephata la bone ba berekela mo tikologong e e bayang matshelo a bone mo diphatseng ka gantsi ba theogelela kwa Okavango Delta mme se se ba baya mo diphatseng tsa go gobatswa ke diphologolo tsa naga ka ba tsamaya ba itshopere ba sena dibetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Maun

Event : Puisano

Date : 13 Jun 2022