Breaking News

Kereke e tshwanetse go nna le seabe botshelo

13 Jun 2022

Kereke e tshwanetse go emelana le dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe bogolo jang thata mo malatsing a gompieno.

Fa a bula dikago tsa kereke ya Old Apostolic kwa Rakhuna ka Matlhatso, Tona wa tsa Madi Mme Peggy Serame o kopile boeteledipele jwa kereke eo go ithuta dikgwetlho tse batho ba leng mo go tsone.

Mme Serame a re nako e gorogile ya gore kereke e nne le seabe mogo rarabololeng dikgang tsa tiriso ya ditagi, lehuma, go kotlomela maikutlo le tse dingwe

O tlhalositse gore go botlhokwa gore boeteledipele bo kopanye ditlhogo mme bo kope kwa Modimong gore dikgwetlho tsa mofuta o dika fenngwa jang ka di gateletse mongwe le mongwe.

Tona one a tswelela ka go gakolola phuthego ya Old Apostolic gore ba tshwanetse go bula dipelo mme ba dire gore kereke eo e nne lefelo la botshabelo mogo bao ba ba tlhokang thuso.

“Kea itse gore tiro ya go aga motho e bokete, mme lo tshwanetse go bula dikgoro gore bao ba ba mo botlhokong ba iphitlhele ba gorogile ka gore ba abo ba bona bogolo jwa modimo mo kerekeng”, a tlhalosa.

Mme Serame o akgoletse kereke eo, tiro e ntle eba e dirileng ka jaana ba ne ba bula kago ya bone ya kereke ya bo masome a supa mo lefatsheng ka bophara, a tlatsa ka gore dikago ke dingwe tsa ditlhabololo tsa metse ka di ntlafatsa tebego ya lefelo.

Fa a bua ka tiriso ya madi, Tona Serame o ne a ba akgola le go ba gakolola go dirisa madi sentle, a tlatsa fa seo sele botlhokwa ka jaana dirukutlhi di kgona go dirisa kereke ka mokgwa oo sa siamang.

O tlhalositse gore fa ba fiwa dithuso tsa madi ba tshwanetse go itse gore madi ao atswa kae, le gore komiti ya madi e tshwanetse gone e rerisa phuthego gore e dirisa madi jang ka jaana tiriso botlhaswa ya madi e kgona go thuba kereke.

O akgotshe kereke eo gore mo godimo ga go aga motho, ba supile boikarabelo ka ditiro tsa bone dile dintle jaaka go agela batlhoki matlo, go thusa lefatshe fa gona le dibetso tsa tlholego ga reng gatse dingwe.

Ene e rile gole pele fa amogela baeng Kgosi Lotlaamoreng Lotlaamoreng II a kopa bakereki ba Old Apostolic gore ba dirise kereke eo go ikaga le go aga setshaba.

Kgosi Lotlaamoreng II a re go ka itumedisa thata fa baka dirisa dikago tseo ka thulaganyo ya Modimo ya bopelontle le go nna mautlwelo botlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : RAKHUNA

Event : Pulo dikago

Date : 13 Jun 2022