Breaking News

Thuto konokono-Dr Tshabang

13 Jun 2022

Barutabana ba sekole se sebotlana sa Thini kwa Tutume ba akgoletswe go dira ka natla go fenya ditlhatlhobo ka maduo  a a eletsegang ka nako e e thata ya bolwetse jwa COVID-19.

E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a lekwalo la bosupa ka Labotlhano, mopalamente wa kgaolo ya Nkange Dr Never Tshabang, a tlhalosa fa barutabana ba ne ba tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go ruta bana ka fa ba lwantshana le segajaja seo.

Dr Tshabang one a tlhalosa fa thuto ele botlhokwa mo matshelong a batho le mo go tlhabololeng lefatshe, ka jalo kemo nokeng le tshwaragano ya batsadi le barutabana ke dingwe dintlha tse di dirileng gore sekole se bo se le mo maemong ao.

Mo dikoleng tse di potlana tse di lesome le borobabobedi tsa kgaolo ya Nkange, sekole sa Thini se ne sa gapa maemo a ntlha ka maduo a 90 per cent mo matshwaong a A,B le C.

E rile a itebaganya le batsadi,a lebogela tirisanyo mmogo le tshwaragano e ntle e ba e supileng go ema sekole nokeng, a tlatsa ka gore batsadi bangwe ba nale mokgwa wa go rekisetsa bana ditagi le majalwa, a re go dira jalo ke go tlhoka boikarabelo ka ngwana e le wa motsadi mongwe le mongwe.

A re seo se supa fa batsadi bangwe ba sa diragatse seabe sa bone sa go godisa bana ka Setswana se reng,’lore loojwa lo sa le metsi’.

O ne a ba gakolola go re ba nne ba etela sekole nako le nako go kopanela mathata a bana le barutabana.

Mopalamente o ne a kgothatsa gape le baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo go re ba kgone go tsweledisa mosepele wa bone wa thuto.

Dr Tshabang o tsweletse a akgola barutabana ba sekole seo,a re mo dingwageng tse pedi tse di fitileng tsa 2021 le 2022 barutabana ba le supa ba Thini ke bangwe ba ba abetsweng dietsele ka letsatsi la barutabana. A re seo ke tlotla e tona thata go lemogiwa fa gare ga boidiidi jwa ba bangwe.

Fa a tswa la gagwe motshwarelela mogokgo wa sekole, Mme Ipelegeng Thana a re ,e re ntswa ba ne ba kopana le dikgwetlho tsa go amiwa ke tlhagogo ya segajaja sa mogare wa corona, ba ne ba seka ba ipona tsapa mme ba itsolopanya go bona gore kwa bofelelong e nna bafenyi.

O ne a tlhalosa fa sekole sa bone se le mo ngwageng wa botlhano se ntse se dira sentle fela thata.

Mme Thana a re ba nale botsalano le mongwe le mongwe yo o mo sekoleng go re ba kgone go goga mmogo go sena yo o salelang kwa morago ka batho botlhe ba  ba mo sekoleng ba nale seabe se setona mo maduong a sekole.

Dr Tshabang a re o rotloetsa dikole tsa kgaolo ya gagwe ka go reka sejana se se amoganwang se se tlaa lwelwang ke dikole tse di mo kgaolong,  se se simolotseng go gapiwa ke sekole sa Thini. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Moletlo

Date : 13 Jun 2022