Ba ngongorega ka go wela tlase ga dipalo tsa batho
13 Jun 2022
Palo ya batho e e sa tswang go wediwa go lebega e sa akaretsa bontsi jwa Batswana bogolo jang ko metseng ya magae ka dipalo tsa batho mo metseng mengwe di ile ko tlase fela thata.
Se se builwe ke makhanselara a kgaolo potlana ya Serowe mo phuthegong e e tsweletseng ka tiriso ya maranyane ya khansele.
Mokhanselara wa Patikwane mo kgaolong ya Serowe Bokone, Rre Nametso Senku o boletse fa palo batho e sa tsamaya sentle mo kgaolong ya gagwe ka go supa fa dipalo di wetse tlase fa di tshwantshiwa le palo ya batho e e fetileng.
O boletse fa go sena kgolo lemororo batho ba oketsega tsatsi le letsatsi mo metseng ya Mabeleapudi le Paje.
A re mo nakong eno dipalo di kabo di supa fa metse e mebedi eo, e tshwanelwa ke go nna le moemedi wa mokhanselara.
O kopile gore go boelelwe gape go bala batho ka gore bontsi bo ngongorega fa bo sa balwa.
Mokhanselara wa Mogorosi/Thabala, Rre Edward Gaefele le ene o boletse fa a ngongoregela dipalo tse di tserweng kwa metseng ya Mogorosi le Thabala a kaya fa dipalo tsa bofelo di ne di supa fa metse eo e tshwanetse ya kgaoganngwa ya nna le makhanselara a yone.
A re dipalo tse di tserweng ga se tsone ka gore di wetse ko tlase, mme go supa fa bontsi bo sa bona sebaka sa go balwa.
Mokhanselara wa Serowe legare, Rre Atamelang Thaga a re jaaka bontsi bo sa balwa jaana go ya go ama kgaoganyo ya melelwane ya bokhanselara le bopalamente.
O boletse fa melelwane e mengwe ya bokhanselara e tlhakatlhakane ebile e tsietsa batlhophi ka nako tsa ditlhopho ka bangwe ba sa itse gore ba tsaya ditlamelo kae.
Mokhanselara Solomon Dikgang wa Tidimalo mo Serowe o tlhalositse fa lekgotla le le laolang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le sa ikemela ka bonosi jaaka go kaiwa.
Rre Dikgang a re phokotsego ya palo ya batho mo Serowe e belaetsa fa dikgaolo tsa bopalamente di tla fokotswa go tswa ko go boraro go wela ko go bobedi.
Mokhanselara wa Tshimoyapula, Rre Katholo Tapologo ene a re lekgotla la IEC ga le a gololesega go dira tiro ya lone ka botswapelo. Le ene o ngongoregile ka dipalo tsa batho tse di ileng ko tlase ka bokete.
E ne erile go le pele mogolwane go tswa ko lekgotleng la IEC, Rre Tshenolo Gabonthone yo o direlang mo Serowe a tlhalosetsa makhanselara ka ikwadisetso ditlhopho ee tsweletseng.
O ba boleletse gape ka tiro ya bone ele ba IEC. A tlhalosa gape fa palo ya batho e tsile motsubong mme go setse lekoko le le
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : PHUTHEGO
Date : 13 Jun 2022