Bagwebi ba madirelo a thekiso ya nama ba lela jaaka sekwakwalela
13 Jun 2022
Bagwebi ba madirelo a thekiso ya nama kwa Serowe ba ikuetse mo khanseleng potlana ya Serowe go godisa matlhabelo gore e kgone go amogela palo e ntsi ya dikgomo tse di tlhajwang di bo di tlhatlhojwa. Ba re go dira jalo, go tlaa kgontsha dikgwebo tsa bone go nna le dipoelo tse di nametsang.
Bagwebi ba boletse fa matlhabelo a le mannye thata, a tlhaba dikgomo di le masome mabedi fela ka letsatsi lemororo beng ba marekisetso a nama ba le bantsi kwa Serowe, ba tlhoka go rekisa nama ya kgomo e e tlhatlhobilweng.
Matshwenyego a, ba a ntshitse kwa phuthegong e e neng e biditswe ke makalana a khansele, ba botsogo, ditima molelo, mapodise bosheng kwa Serowe.
Ba re matlhabelo a mannye ebile ga a ba lekana mo dikgwebo tsa bone di amegile fela thata ka ba felela ba latela matlhabelo kgakala mo go ba lopang madi madi.
Mangwe a a rekisang nama ba re a setse a tswetswe fa bangwe ba fokoditse bodiredi. Ba boletse fa bontsi jwa dikgomo tse di yang kwa matlhabelong bo fitlhelwa bo na le bolwetse jwa mabele, mme go na le gore di latlhwe kana di tshubiwa, di tshwanetse tsa tsenngwa mo setsidifatsing malatsi a mane ke gone di bo di ka rekisediwa batho mogare o sule.
Se ba supile fa se sa kgonafale ka matlhabelo a na le setsidifatsi se sennye se tsenya dikgomo di le nne fela tse dingwe tse di nang le bolwetse di bo di tlhoka kwa di esiwang teng.
Ka ntata ya se, bodiredi jwa matlhabelo bo gakolotse gore beng ba marekisetso, ba apeye dinama gone kwa matlhabelong ke gone ba bo ba ka di rekisetsa batho go na le go di latlha.
Ka fa molaong madirelo a thekiso ya nama ga a letlelelwe go rekisa nama e e boduleng. Ba matlhabelo ba re ke go ba utlwela botlhoko ka gore go latlha nama e ntse jalo ke ditshenygelo tse di tona mo bagwebing ba nama.
Mongwe wa madirelo a thekiso ya nama kwa Serowe, Rre Bathusi Letlhare o boletse fa matlhabelo a ba apeisa ditota ka gore madirelo mangwe a setse a sa dire sentle mme mogopolo wa gagwe ke gore matlhabelo a atolosiwe gore a kgone go thusa bagwebi.
Rre Letlhare o boletse fa jaanong bagwebi bangwe ba dira molato ka go tlhabela dikgomo kwa nageng ba bo ba di rekisetse batho di sa tlhatlhojwa ka gore matlhabelo a palelwa ke go ba thusa.
O boletse fa ba hirile Batswana mme jaanong ba tlaa latlhegelwa ke ditiro ka gore madirelo a bone a a tswalwa ka go sena dipoelo. Yo mongwe mogwebi, Mme Keletso Phole a boletse fa e le mongwe wa ba ba neng ba bolelelwa go apaya nama kwa matlhabelong morago ga gore nama ya dikgomo tsa bone e tshwarwe ka bolwetse jwa mabele mme tsa tlhoka phatlha mo setsidifatsing sa matlhabelo.
O boletse fa matlhabelo a sa lekane bagwebi ba Serowe le metse e e mo tikologong le mororo batho ba batla nama ka e le yone seshabo se se rategang bobe.
A re jaanong ba tsaya matsapa go latela matlhabelo kwa metseng ee kgakala. O boletse fa a sokola ka gore o thusa dikole ka dinama mme jaanong fa gonna jaana, di tlhaelelwa ke nama ebile di tlaa ba tlhoboga ka ba sa ba kgotsofatse.
Fa a ba araba mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le tikologo e e phepa, Mme Tshoganetso Seronamong o bolela fa khansele e tlhaelelwa ke madi go godisa matlhabelo.
Mme Seronamong o boletse fa e le boammaruri matlhabelo a sa kgotsofatse bagwebi ka gore setsidifatsi sa bone se se nnye mme a rotloetsa bagwebi go lekela kwa matlhabelong a mangwe kwa metseng e mengwe kgotsa ba ye kwa matlhabelong a a ikemetseng ka nosi.
O boletse fa ba tshwenyegile thata ke nama ya dikgomo tse di nang le bolwetse ja mabele a re se, se supa fa leruo le sa tlhokomelwe sentle, le ja maswe mo nageng mo le felelang le tsenwe ke bolwetse jwaa mabele, jo bo atileng thata mo kgaolong.
A re ba ne ba bona go le botoka gore bagwebi ba nama ya bone e tshwerweng ka bolwetse, bogolo ba e apeye go ne foo, gona le go e latlha ba sa boelwe ke sepe.
Mo dikgannye tse dingwe mogolwane go tswa kwa lephateng la molao, Rre Onalethata Tumelo o boleletse bagwebi gore bangwe ga ba dirise ditlankana tsa teseletso sentle jaaka ba ne ba kopile.
Rre Tumelo o boletse fa kwa marekisetsong a bojalwa, go sa tshwanela go bula pele ga nako le go tswala morago ga nako e e beilweng, molao o bagwebi bangwe ba sa o saleng morago.
A re bangwe ba rekisa dilo tse di sa letlelesegeng go rekisiwa mo bareng jaaka dinama, go leletsa kwa godimo mo go feteletseng mme se, se diragala gompieno. A re ga go a tshwanela go gotsa molelo mo bareng, go dira matshego a a besang nama le go bitsa badiragatsi.
Rre Tumelo o boletse fa kwa madirelong a thekiso ya nama, go sa letlelesege go dira matshego a a besang nama, go besa nama ba sena tetla ya go apaya, go gotsa molelo go sena tetla le go tshwara dijo go sena ditlankana tsa ba botsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamsio Mosetlhaujh
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 13 Jun 2022