A go tlhomiwe ntlo ya baemedi ba tumelo
13 Jun 2022
Gore kereke e tsewe tsia le lentswe la yone le utlwale, go tshwanetse ga tlhongwa ntlo ya baemedi ba merero ya tsa tumelo e e tlaa nnang yone e puso e rerisanyang le yone ka tsotlhe tse di amang kereke.
Lekgotla la baruti la Francistown la re ntlo eo e tshwanetse ya lekana le Ntlo ya Dikgosi ka seemo le seriti mme le yone e tshwanetse ya bo e tlhomilwe ke molao-motheo wa lefatshe.
Fa a rola dikeletso tsa bone mo lekokong le le tlhomilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng mabapi le tshekatsheko ya molao-motheo kwa Francistown ka Mosupologo, Moruti Malejane Ramotshabi wa lekgotla la baruti o boletse fa ntlo eo e ka fa kereke sebaka sa go nna le seabe mo tsamaisong ya puso.
Moruti Ramotshabi o tlhaloseditse lekoko gore ka ntlha ya boseyong jwa kereke mo molao-motheong, puso ga e tlamege go ka lopa bogakolodi jwa yone mo go sepe fela le mororo go le gontsi mo go ka anywiwang mo go yone.
Fa a tlhalosa go ya pele mo potsolotsong morago ga go kopana le lekoko, o ne a re go tlhongwa ga ntlo go ka tlotlomatsa seabe sa kereke, ga ba ga e supa fa e le motsaakarolo wa botlhokwa mo mererong ya tsamaiso puso.
Mo go reng ba eletsa boloko jwa ntlo eo bo nna jang, Moruti Ramotshabi o kaile fa ba tlaa itshegela melelwane go kgaoganya lefatshe, mme ba tsee palo e e rileng ya baemedi ba tumelo ya Sekeresete go ya go emela dikgaolo tsa bone kwa ntlong.
“Kakanyo ke gore kemedi e nne ka dikgaolwana, mme go tswa kwa go tsone go tle kemedi ya dikereke kana ya mekgatlho ya sedumedi, mme yotlhe e, e tle go kopanela mo ntlong go emela dikeletso le dikgang tsotlhe tse di amang sedumedi,” a supa jalo.
A re go lekanya ntlo ya bone le ya dikgosi ka seemo gone go tlaa thusa kereke thata ka jaanong e tlaa seke e tswelele e tsewa lolea.
“Re batla e nne mo seemong sa Ntlo ya Dikgosi e e leng gore yone e a rerisiwa ka gore go itsewe gore go nale tse di rileng tse e lebaganeng le tsone. Kereke le yone e eletsa gore ka tsela epe e seka ya tlhaediwa morero ka le yone go nale tse di botlhokwa tse e ka latlhelang lentswe la yone ka tsone,” Moruti Ramotshabi a tlhalosa.
O boletse fa ntlo ya baemedi ba dikereke e ka nonotsha morero mo gare ga kereke le puso, a tlhalosa fa mo nakong eno go se bonolo go kopana le kereke e le mmogo ka nako e le nngwe.
A re gangwe le gape puso e rera le makgotla a dikereke a Botswana Council of Churches (BCC), Evangelical Fellowship of Botswana (EFB) le la dikereke tsa semoya la Organisation of African Instituted Churches (OAIC) ka bongwe ka bongwe, mme seo se reye gore lentswe la kereke ka kakaretso ga le goroge kwa pusong. Ka jalo a re go tlhongwa ga ntlo go ka thusa gore puso e kopane le dikereke ka gangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego ya lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go phutha megopolo
Date : 13 Jun 2022