Breaking News

Dikatso di tshwanetse go phimolwa

12 Jun 2022

Dikatso tsa mapalamente le makhanselara tsa go tsena diphuthego tsa palamente le tsa khansele di tshwanetse tsa phimolwa.

Mogopolo o, o dule ka moemedi wa morafe wa motse wa Chadibe Rre Ezekiel Setlhare kwa phuthegong ya lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo ka tshekatsheko ya molao-motheo kwa Mathangwane ka Labone.

Rre Setlhare o boletse fa keletso ya banni ba motse wa gaabo e le gore mo boemong jwa go duelelwa go nna teng mo diphuthegong, mapalamente le makhanselara ba atswiwe fela fa ba tsere karolo mo dipuisanong.

A re go ba duelela go nna teng ke go latlha madi a setshaba ka bangwe ba tla mme ba seke ba nne le seabe sepe tebang le se batlhophi ba se ba iseditseng kwa palamenteng kana kwa khanseleng.

Monni wa motse wa Borolong Rre Tembo Lebang o ne a gatelela botlhokwa jwa gore molao-motheo o tsee merafe ka tekatekanyo.

O tlhalositse fa seemo sa nako eno se molao o lemogang merafe e robabobedi fela se ka rarabololwa ka go lemoga yotlhe e e saletseng kwa morago kana mo boemong jwa go dira jalo e phimolwe gore go seka ga nna le morafe ope o o kwadilweng mo molao-motheong.

Rre Alfred Mashungwa wa Mathangwane o kopile gore go tlhongwe ntlo e nngwe e e dirang melao go tlatsa palamente le Ntlo ya Dikgosi.

Ntlo e ya barongwa o gakolotse gore fa e ka tlhongwa boloko jwa yone bo akaretse dikereke, makgotla a a ikemetseng ga mmogo le a babereki, mme tiro ya yone e nne go thusa go betla melao.

A re seabe sa yone e tla bo e le go akaretsa mantswe a dikarolwana tse di farologanyeng tsa setshaba mo go dirweng ga melao ya lefatshe.

Go sale foo, Rre Mashungwa o ne a ikuela mo molaong go rotloetsa merafe ya lefatshe la Botswana go amogelana ka botlalo, a supa fa seo se ka lemogwa ka go rata ga mmogo le go ithuta diteme tsa merafe e mengwe.

Selo se a re se ka atamalanya merafe ya mo gae, sa e tshwaraganya, sa ba sa e dira ngata e le nngwe.

Rre Shadrack Kgomo ene o tlhaloseditse lekoko fa a batla gore sebaka sa go busa sa ga tautona se sutisiwe gore a wetse setlha sa gagwe fa go iwa kwa ditlhophong tsa setshaba.

Monni yoo a re ga go lebege sentle gore tautona a bo a fologa setilo mme e re ngwaga morago ga moo mapalamente le makhanselara e bo e le gone ba wetsang mme go bo go iwa ditlhophong.

Rre Talibona Mothobi o ne a kopa gore go tlhongwe kgotla ya molao-motheo, a supa fa kgotlakgolo ya ditsheko le kgotlakgolo ya boikuelo di etla di dira diphoso fa di rarabolola dikgang tse di amang molao-motheo ka e se nngwe ya ditiro tse di di tlhametsweng.

Rre Keorapetse Keobonye o ne a ikuela mo boemong jwa babereki, a bolela fa go le matshwanedi gore ditshwanelo tsa bone di kwalwe mo molao-motheong gore di tle di sireletsege sentle le gone ka botlalo.

Le ene o ne a gatelela botlhokwa jwa kgotla ya molao-motheo, a re e ka tlhalosa ditsetlana tsa one, ya dibela ya ba ya tlama gore ditshwanelo tsa batho di diragadiwe.

E ne e rile go le pele, Kgosi Itekeng Mathangwane wa motse wa Mathangwane a ganana le megopolo ya bangwe ya gore tautona a itlhophelwe, a bolela fa tsamaiso ya nako eno e sena selabe sepe, ka jalo e sa tlhoke go fetolwa.

Kgosi Mathangwane o tlogile gape a kgala nyalano ya bong jo bo tshwanang, ga mmogo le go senngwa ga boimana, a kaya fa bobedi jo bo ka nyeletsa sika loo-motho fa molao o ka bo amogela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MATHANGWANE

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 12 Jun 2022