Ngwetsi ya rre ke matlhabisa ditlhong
13 Jun 2022
Go letlelela batho ba ba nnang mmogo ka bong jo bo tshwanang ke matlhabisa ditlhong ebile go a gakgamatsa.
Rre Godfrey Maseko o boletse se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautiona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko molao-motheo ka
Labotlhano kwa motseng wa Mmandunyane.
“Go nna le ngwetsi ya rre go tlhabisa ditlhong. Jaanong ne re re molao-motho o sekaseke kgang ka ele kgatlhanong le ngwao ya rona re le Batswana, re seka ra iphitlhela re gogetswe kwa thaelong ke dikgang tsa go tshwana le tse,” ga kopa Rre Maseko.
Mo go tse dingwe, Rre Maseko o ne a kopa gore thulaganyo e lefatshe leno le ntseng le e dirisa go tlhabolola metse go lebilwe bo tona jwa yone e fetolwe ka e rontsha Batswana tshwanelo ya bone ya ditlhabololo.
Rre Maseko yo gape a neng a bua mo boemong jwa banni ba Mmandunyane o ne a tlhalosa gape fa go le botlhokwa gore dikhansele le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di lemogiwe ebe di kwalwe mo molao-motheong.
O ne a bolelela lekoko gape fa morafe wa Mmandunyane o le kgatlhanong le dikgang tsa gore go ka nna le petelelo magareng ga banyalani.
Fa a buwa ka bogadi, Rre Maseko o ne a tlhalosa fa ele keletso ya banni ba Mmandunyane gore bogadi e nne dikgomo tse di robang-bobedi kgotsa tousane tse tharo tsa dipula tlhogo ya kgomo lefatshe ka bophara go hema seemo sa nako eno se bangwe le bangwe ba bayang seelo se ba se batlang.
Fa a begela lekoko maikutlo a baagi ba motse wa Semotswane, Rre Emmauel Nno o ne a kopa gore batho ba ba thubetsang bana ba ba bannye ba gagamadiwe diphogwana ka go atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong.
Molao-motheo go ya ka Rre Nno o tshwanetse wa gana maiteko ape a go tsholola dikgetsi tsa petelelo.
A re go mo maruding a puso go bona gore batho ba ba dingwaga di magareng ga masome a mararo le borataro le tse di masome a marataro le bone ba akarediwa mo mananeong a go itokafaletsa matshelo fela jaaka Batswana ba bangwe.
Tshipi e e dirisiwang go kaya kgomo go ya ka Rre Nno e tshwanetse ya dirisiwa gape go latedisa mong fa kgomo ya go nna jalo e timetse ka go ikamanya le ba matlhoko a malwetse a leruo go na le go kaya leruo la go nna jalo ele matimela jaaka go diragala mo nakong eno.
Rre Gilbert Jabulani ene o ne a ikuela ka dikatso tse di ko tlase tse di fiwang badiri ba ba thapilweng ke dikompone tse di ikemetseng ka nosi.
Are go tlhoka go bewa leitlho mo go tseneletseng ga dituelo tsa badiri bao ke puso ke lone lebaka la gore ebe ba neelwa dikatso tse di ngomolang pelo.
“A molao-motheo o patike puso go baya dikatso tsa go nna jaana leitlho gore babereki ba seka ba tswelela ba jewa ntsoma ke bahiri,” o ne a kopa.
Sebui se sengwe, Rre Galani Olonga e ne o ne a re tautona fela jaaka Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a sekisiwa fa a bonwa molato le fa a santse a le mo setilong.
A re go lebisa tautona molato morago ga a fologa setilo ga go a siama ka jaana go ka diragala gore bosupi ebe bo bosenyegile ka jalo go seke go nne bonolo go nna le tsheko e e tiileng.
Monni yo mongwe, Rre Thapelo Orapeleng o ne a gakolola ka go nyadisa bana ba sa le babotlana a re go baka gore dikgang tsa tlhalo di ye kwa godimo.
“Batho ha ba sa le babotlana ba kgatlhiwa ke sengwe le sengwe mme ba felele ba senyegelwa ke malwapa,”o ne a kaya se a kopa gore molao o letle hela batho ba ba dingwaga tse di masome mabedi le go feta go tsena mo nyalong.
Lekoko le ne la begelwa mogopolo go tswa mo go Mme Bonyana Kgosiemang wa go thusa ka madi diphathi tsa sepolotiki go ipapaletsa ditlhopho.
Mo go tsa bana-le-bogole, Rre Otshwaile Ntshipe o tlhaloseditse lekoko fa go le botlhokwa gore go nne le tona yo e leng mona-le-bogale ka a tlaa tlhaloganya dikgwetlho tsa bone botoka.
Mme Chawada Mokowe ene o ne a lela ka tiego ya kabo ditsha a re se se rontsha batho ba ba santseng ba na le natla go ikagela matlo.
“Rona ba bangwe re tshela ka ditiro tsa nakwana jaanong re ya go aga ka eng ha re tsohetse re sa tlhole re na le natla,” o ne a botsa mme a kopa gore molao-motheo o dire gore kabo ditsha e fefoge.
Rre Bosele Lekoba ene o ne a lela ka dingwaga tsa tantabala a re di busediwe kwa morago ka jaana botshelo bo le bokhutshwane.
A kopile gore go nne ka fa molaong-motheong gore Motswana mongwe le mongwe a fiwe madi ao a bogodi fa a gorogile mo dingwageng tse di masome a matlhano.
E ne ya re kwa tshimologong ya phuthego, Kgosi Joshua Joel a kopa gore katlholelo leso e tswelele le gore lefoko Kgosi kgolo le tshwanetse la kwalwa mo molao motheong.
Le fa go ntse jalo Rre Joel o ne a supa fa a le kgatlhanong le lefoko ‘Kgosana’ a re le nyenyafatsa borara ga mmogo le morafe.
“Ha go pala a go tlogelwe fela re bitswe bo headman” . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : MMANDUNYANE
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 13 Jun 2022