Breaking News

Tshenyo ya dithoto tsa puso ke poelo morago

12 Jun 2022

Go senya dithoto le dikago tsa puso  ga go busetse puso morago fela, go kgoreletsa Batswana ba bangwe gore ba bone dithuso mo diofising. 

Tona ya dikgaolo le tlhabololo ya magae rre Kgotla Autlwetse o buile se bosheng jaaka a ne a etetse diofisi tsa kgotla tsa Tshimoyapula le ya Mabeleapodi tse di neng tsa tshubiwa ke batho bangwe ba ba santseng ba tlhotlhomisiwa.

Tona Autlwetse a re go senya dikago tsa puso go lopa puso  madi go di  busetsa mo seemong,  le go sola ba bangwe go dirisa ditlamelo tseo.

Ka kgwedi ya Tlhakole morafe wa motse Tshimoyapula o ne wa tsogologa ka kgang e ba neng ba ipelaetsa fa mosimane mongwe yo o neng a sa bonwe a jelwe ke bangwe mo motseng go akarediwa le rrangwana. Pelaelo e ne e le gore ba ka tswa ba itse kwa a teng, ba tlala tshakgalo mme ba felela  ba betsa rrangwana.

Ya re go tswa foo ba tlhasela ofisi ya kgotla go thuba diokomelabagwe, mahetlhang phefo ba bo ba e ja ka molelo. 

Molelo o ne wa lora dithoto mo ofising eo go balelwa le mekwalo yotlhe ya ditsheko. Ga gona se seneng sa satswa, mo ofising eo e e neng ya lora.  

Ditirelo tsotlhe tsa kgotla di eme kwa Tshimoyapula, ka go sena fa bodiredi le kgosi ba direlang teng, ka jalo morafe o patelesega go kopa dithuso kwa Serowe.

Ka Mopitlo babelaelwa bangwe kwa Mabeleapodi ba ne ba thuba ofisi ya mapodisi e emo diofising tsa kgotla mme ba tshuba mo teng mme ka lesego dithoto dingwe le mekwalo tsa sireletsega.

Tshenyo e ne e se kalo kalo le fa ditilo mo ofising ya mapodisi di ne tsa sha mme go ise go tshwarwe ope mabapi le ditiragalong tseo.

Kgosi ya Mabeleapodi kgosi Sebonego Tebelelo o boletse fa ditsheko dieme ka ofisi ya mapodise e ne ya tshubiwa.

A re  ba tsweletse go gakolola batho go dira tse di molemo go na le go itshenyetsa, e re kamoso ba bo ba lela ba di batla.   

Tona o etetse diofisi tsa Tshimoyapula kwa a boneng jaaka tshenyo e ntse, a re ofisi eo e e agilweng ka ditena tse dikhwibidu e lopile madi a kana ka P2.2 million.

Tona Autlwetse a re ka tebo ya matlho o belaela gore ga e ka lekwa go baakanngwa e ka ja madi a mantsi a a fetang a e agilweng ka one. 

A re ba emetse ba lephata la dikago go sekaseka gore go ka dirwa jang, ntswa go lebega e tlaa agiwa sesha.

A re badira molato kwa ba leng teng ba ikwatlheela tshenyo e e masisi e ba e dirileng, a kgala seemo seo gore se seka sa ipoeletsa ka se se sokodisa setshaba go bona ditlamelo tse di boturu bo kana. Ends

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Loeto

Date : 12 Jun 2022