Molao-motheo o ka tokafatsa kemedi ya bomme
09 Jun 2022
Kemedi ya bomme kwa palamenteng e e ntseng e sa jese diwelang ka jaana dipalo tsa bone di gana go tota mo ditlhophong tsa setshaba e ka tokafala.
Mme Florence Molobe a re se seka kgonagala fa molao-motheo o ka dirisiwa go rebola gore sephatlo sa kemedi yotlhe ya palamente e nne bomme.
Mme Molobe o buile jaana jaaka a ne a rolela lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko molao-motheo.
Lekoko le ne le ile go tsaya megopolo ya banni ba Maitengwe ka Laboraro.
“Kemedi ya rona re le bomme kwa palamenteng e nnye fela thata, rona ra re a kemedi ya bomme e nne sephatlho sa kemedi yotlhe kwa palamenteng bomme ba ye go lebagana le dikgang tsa lefatshe le,” o ne a bua jaana a kaya fa e le keletso ya banni ba Maitengwe go bona thulaganyo ya go nna jaana e diragala gape mo kemeding ya ba-na-le bogole le baruti.
O ne gape a tlhalosa fa nako e gorogile gore lefatshe la Botswana le senkele batho ba ba sa berekeng matsana a itshetso go ba namola mo lehumeng.
Rre Shadreck Balopi ene o ne a bolelela lekoko fa batho ba Maitengwe ba sa beye sebete molao o o letlelelang gore dirukutlhi tsa melato e metona jaaka wa polao di letele ditsheko kwa ntle ga kgolegelo.
A re molao wa go nna jalo o tshwanetse wa fetolwa gore batho bao ba letele ditsheko ba le mo kgolegelong.
Moemedi wa Nkange, Rre Point Moroka o tlhalosiditse lekoko fa go thusiwa ka madi ga diphathi tsa sepolotiki e le nngwe ya megopolo e e ratwang bobe ke batho ba Nkange.
O kopile gape gore molao-motheo wa Botswana o letle gore go segwe molelwane wa morafe wa Bakalanga, selo se a tlhalositseng fa se tlaa letla morafe wa Bakalanga go dira dilo tsa bone ka thelelo ntle le go kgopakgopediwa ke sepe.
Thulaganyo ya nako eno e e kayang merafe mengwe e ka re e megolwane mo go e mengwe go ya ka Rre Moroka e tshwanetse ya fela mme merafe yotlhe e lekane go sena morafe o o tshelelang ka fa tlase ga o mongwe.
O rotloeditse thata tiriso semmuso ya dipuo tse di fitlhelwang mo lefatshe leno kwa dikoleng.
Banni ba Dagwi bone ba supile fa ba le ’bete semolangwana ka leina la lefatshe la Botswana ba re le sokametse thata ka fa merafeng e e dirisang teme ya Setswana ntswa go na le merafe e mengwe mo lefatsheng leno e e sa diriseng teme eo.
Mo go tse dingwe, moemedi yoo, Rre Patrick Kenosi o boletse fa molao-motheo o tshwanetse wa lemoga wa ba wa laola gore dikhansele di ikemele ka nosi.
Mafoko a ga Rre Kenosi a ne a iteelwa kobo moroko ke Rre Isaac Thata wa Maitengwe yo o neng a sutisa gore Botswana a fetolwe leina a bidiwe North-East Africa.
E ntse e le mo phuthegong eo, Rre Batisani Maswibilili wa Nkange o ne a bua thata ka botlhokwa jwa go lemoga ka fa molaong dipuo tsotlhe tse di buiwang mo Botswana.
O ne a gatelela se a ba a kopa gore go tlhongwe lekoko le le tlaa bong le lebile ka leitlho le le ntshotsho gore a se se a diragala.
Rre Nonofo Macheke wa Senete ene o ne a bua thata ka botlhokwa jwa tshireletsego ya dipuo le dingwao tsa merafe.
O ne a gakolola gape fa go tlhokafala gore go tlhongwe khansele ya molao-motheo e tiro ya yone e tlaa bong e le go bona gore a tsotlhe tse di amanang le molao-motheo di apere tshiamo.
Monana wa Maitengwe, Rre Moagi Billy ene o ne a kopa gore maphata a bobega-dikgang a puso, lepahata la tseo ditlholwa (DIS) ga mmogo le la twantsho tshenyetso setshaba a ikemele.
Mo phuthegong ya makoko a a ikemetseng, Rre Kodzani Straight wa Maitengwe/Nkange Pastoral Farmers Association o ne a kopa gore molao-motheo o patike maphata a itshireletso go disa terata ya molelwane wa Botswana le Zimbabwe ka dinako tsotlhe.
“Leruo la rona le yone teraka di utswiwa nako tsotlhe mme ga go na ope yo o disitseng terata e ya molelwane,” o ne a ngongorega jalo.
Rre Nkobi Masole wa Community Based Organisations ene o ne a kopa gore puso e thuse mekgatlho ka madi ka go nne leroborobo la bolwetse jwa COVID-19 le ne la ama makgotla a mafatshe a a ntseng a ba thusa.
Ba komiti ya ditlhabololo ya Maitengwe bone ba kopile gore dikomiti tsa ditlhabololo lefatshe ka bophara di lemogwe le maloko a tsone a tlhatswiwe diatla go ba tiisa moko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : MAITENGWE
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 09 Jun 2022