Tshingwana e tlaa tokafatsa maduo
09 Jun 2022
Motshwarelela mothusa mokwaledi wa Lephata la Tikologo le Bojanala, Mme Kenaleone Maselesele, a re go agiwa ga tshingwana ya merogo kwa sekoleng se se botlana sa Seetelo kwa Tsabong go tlaa tokafatsa maduo mo thutong.
Mme Maselesele o buile se bosheng fa a jwala setlhare sa motlhware kwa sekoleng seo go simolodisa tiriso ya tshingwana ya ditlhare tsa maungo le merogo e le lantlha kwa sekoleng seo.
A re tshingwana eo, e tlaa bula baithuti ditlhaloganyo mo dikgannyeng tsa tshomarelo tikologo le tsa temo thuo ka ba tlaa rutiwa go dira menontshane ya dijwalo ba dirisa matlakala mme seo se tlaa thusa go phepafatsa tikologo.
Mme Maselesele a re tshingwana eo ya maungo le merogo e solofelwa gape go ntsha dijo tse di ka jesang baithuti mme gape merogo e ka rekisiwa go tsenya madi mo letloleng la sekole go dirisiwa mo ditirong tse dingwe.
A re go simolodisa tshingwana eo go mo maitlamong a lephata a National Environment Education Strategy, a a ikaelelang go amanya dithuto tse di tsamaelang le tikologo le go tokafatsa dithuto tsa tikologo mo dikoleng bogolo jang tsa thuto go tswa kwa moding.
Mme Maselesele o tlhalositse fa setlhogo sa monongwaga sa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la tshomarelo tikologo e le: Lefatshe le Lengwe Fela, mme go le botlhokwa gore baithuti ba rutwe go somarela tikologo le ditsatlholego ka gore fa le ka kgotlelwa, seo se tlaa ama sika loo motho le boleng jwa botshelo ka kakaretso.
Ka jalo, go botlhokwa gore botlhe ba tseye karolo go tlhokomela lefatshe ka ke legae la botlhe, dimela le diruiwa tse di naalanang go tsisa botshelo ka letlotlo.
Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole sa Seetelo, Mme Kelebogile Mokgosi o lebogetse tshingwana ka a re e tlaa thusa baithuti go ntsha maduo a a botoka mo thutong ya tikologo le ya temo thuo.
A re baithuti ba gakologelwa botoka tiro ya diatla ebile ba dira gona le go tsena fela ka ntlwana ya borutelo ba bolelelwa.
Mme Mokgosi o solofeditse gore barutabana ba tlaa gagamatsa go dirisa tshingwana, go ruta dithuto tsa temo-thuo.
O supile fa go agiwa ga tshingwana go ba tiisitse moko go dira ka natla go ruta baithuti ka go ntse go na le letlhoko mo sekoleng mme e ne ya re ngwaga o o fetileng, bogogi jwa sekole jwa kopa go agelwa tshingwana ke ba lephata la temo thuo.
Ka mabaka a letlhoko la madi le ditsompelo, ba ne ba kopa dikgwebo tsa kago kwa Tsabong go ba thusa ka dithoto tsa kago gore ba kgone go e aga.
A re baithuti ba ntse ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone tsa temo thuo mme a solofela gore go nna teng ga tshingwana go tlaa tokafatsa maduo a dithuto tsa temo thuo kwa sekoleng seo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Go jwala setlhare
Date : 09 Jun 2022