Breaking News

Medumo e tlhobaetsa balwetse le go kgoreletsa baithuti

09 Jun 2022

Makhanselara a kgaolo potlana ya Serowe a kgadile medumo ya diletso masigo kwa marekisetsong a majalwa le dipoto.

Ba re se, se kgoreletsa bana ba dikole go ithuta le balwetse mo malwapeng go robala sentle.

Mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng, ba boletse fa lekalana la molao la khansele, le ntse moriti o tsididi fela seemo se tswa mo taolong.

Ba boletse fa go sa dira sentle ga baithuti kwa dikoleng, go dirwa ke medumo e e kgoreletsang baithuti go bala.

Makhanselara a boletse fa go na le balwetse mo malwapeng ba ba sa batleng modumo mme medumo e e diragalang e ba okeletsa ditlhabi.

Ba re dipoto tse di seng ka fa molaong, tse di runtseng gongwe le gongwe mo metseng di tlhora boroko ka le go letsa ba a letsa ebile ba apaya dijo tse go belaelwang di sa nonofela go jewa ke batho mo go ka bakang malwetse.

Ba kopile khansele go ema ka dinao mme ha go pala, ba kope thuso kwa mapodiseng go laola seemo.

Mokhanselara wa Mmashoro, Rre Kgosiesele Kgosiesele, o boletse fa kwa Mmashoro go le maswe fela thata mo bana ba lalang ba bina kwa dipotong ba sa bale mme pheletsong ba feile mo ditlhatlhobong tsa bone.

A re dipoto ke kwa ga mmapereko, go itirelelwa fela go sa rekegele balwetse le baithuti mme a kop mapodise go thusa mo seemong se.

Makhansalara a re go besiwa dinama fa pele ga dibara le go rekisa dijo go sa letelelweng gammogo le go ntsha dipikara tse ditona go lelediwa kwa godimo.

Ba ngongoregile gape ka go dirwa ga ditsela tse di fa gare ga motse wa Serowe ba bolela fa go le bonya mo di felang di senyega fa go ntse go tshwerwe go dirwa.

Fa a araba, mokwaledi wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Mogorosi Kokoro o tlhalositse fa letlhoko la madi le ba beile ka fa mosing.

Mabapi le go kgalema medumo, o boletse fa khansele e sena madi a gore bodiredi bo tsamaye le madirelo le dipoto go kgalema mme ebile le dikoloi di tlhaela.

Rre Kokoro o tlhalositse fa bontsi jwa dikoloi di ile go baakanngwa mme di tlhoka madi jaanong go dirwa dipaakanyo tse di potlana fela.

Mo go ya ditsela tse di saletseng kwa morago o boletse fa go sena dikatakata, khansele e tshela ka go adima kwa dikhanseleng tse dingwe mme go tsa le tiego.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 09 Jun 2022