Babelaelwa ba seka ba nna le babueledi
08 Jun 2022
Mo maitekong a go lwantsha go kekela ga bogodu jwa leruo, molao o tshwanetse wa rontsha basekisiwa ba melato ya go nna jalo go nna le kemedi ya semolao.
Moemedi wa banni ba Siviya, Rre Albert Foda o boleletse lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo tebang le tshekatsheko ya molao-motheo kwa phuthegong e le neng le e buisa kwa Tshesebe ka Labobedi gore molao o tshwanetse wa tlhokisa babelaelwa kgoro ya botswelo.
Rre Foda o boletse fa tshwanelo ya go nna le mmueledi gangwe le gape e falodisa basekisiwa ba bogodu jwa leruo go ka welwa ke kgang, mme seo se ba rotloetse go tsweledisa mokgwa wa go amoga barui di-tsa bone.
O tsweletse a ntsha kopo ya gore maloko a khuduthamaga ya puso ga mmogo le baduladitilo ba dikhansele le boratoropo ba itlhophelwe ke setshaba e seng go tsewa mo mapalamenteng le mo makhanselareng.
A re barongwa ba setshaba kwa palamenteng le kwa khanseleng ga ba a tshwanela go feta ba rwesiwa thomo e nngwe gape ka go dira jalo go ka ba kgoreletsa go emela dikeletso tsa merafe e e ba romileng ka botlalo.
Rre Godson Sebeela ene o ne a itsese lekoko fa banni ba Tshesebe ba batla gore dikotlhao tsa melato ya go tsaya puso ditlholwa, go thankgola puso, go kgothosa, go ja dithoto ka molelo le go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo di gagamadiwe, seo e le go supa fa tshaba ya lefatshe leno e sa bee sebete tlolo molao.
A re botlhe ba ba bonwang molato wa go tsaya ditlholwa, go thankgola puso, go utswa ka dikgoka ga mmogo le go baka tshenyo ka molelo ba atlholelwe loso, fa ba ba dirisang bana botlhaswa ba tshwanetse go latlhelwa mo kgolegelong botshelo jotlhe.
Moemedi wa Mowana, Rre Richard Monthe o ne a ntsha boikuelo gore ditsheko tsa tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo di fefosiwe ka di le masisi.
Go sale foo, mo boemong jwa batho ba Themashanga, Rre Sonny Chiliwa o ne a kopa gore molao o rontshe borabana tshiamelo ya go ka kwalwa mo ditlankaneng tsa bana tsa matsalo fa ba sa nyala bommaabo.
A re go kwalwa ga borre bao gape go tsuolola bommabana ba ba nang le bana le borre ba ba farologanyeng mo le bone bana ba felelang ba sa lebe bommaabo sentle.
Mo boemong jwa metse ya Tsamaya le Mabudzane, Rre Moswela Dintweng o gakolotse fa go le botlhokwa gore molao-motheo o tsenngwe kgaolo e ntsha e e tla bong e bua ka diteme.
A re mo kgaolong eo go nankolwe dipuo tsotlhe tse di buiwang mo gae, mme kgaolo eo e tlame puso go di tlotlomatsa le go di dibela kgatlhanong le go nyelela.
Rre Herbalist Amos ene o ne a ganana le mokgwa wa gore motho yo o fetileng go dingwaga tse di masome marataro a letlelelwe go nna mopalamente kgotsa mokhanselara.
A re fela jaaka melao ya tsa pereko e supa fa motho wa dingwaga tseo a abo a godile e bile e mo pateletsa go tlogela tiro ka bogodi, ga go maleba gore a bo a ka feta a fiwa boikarabelo jwa go emela batho.
Ka jalo Rre Amos o kopile gore mapalamente le makhanselara e nne batho ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le a marataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : TSHESEBE
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 08 Jun 2022