Babelaelwa ba tshwerwe kwa Makalamabedi
08 Jun 2022
Mapodisi a tshwere babelaelwa ba le bararo mabapi le bogodu jwa dikgomo kwa Makalamabedi.
Babelaelwa ba fitlhetswe ka dikgomo di le tlhano tse go belaesegang di utswilwe kwakgaolong ya Ngamiland go di tlodisetsa kwa Boteti.
Mo potsolotsong kwa merakeng ya Makalamabedi, moanamisa mafoko wa sepodisi Assistant Commissioner Dipheko Motube o ne a tlhalosa fa babelaelwa e le borre ba bararo ba dingwaga tse di fa gare ga masome mararo le bongwe le tse di masome mararo le botlhano.
A re ba lemogile fa bogodu jwa dikgomo bo remeletse thata mo dinamaneng, a tlatsa ka gore ba belaela fa badira melato ba na le lekgamu le le utswang dikgomo kwa Ngamiland ba bo ba rulaganya go di tlodisetsa ka fa Boteti.
Asst Commissioner Dipheko o buile fa bogodu jo bo namile thata mo batho ba tswang bokgakala jwa Francistown, Mahalapye le Lobatse ba tla go reka dinamane tse tsa bogodu.
O tsweletse ka go tlhalosa fa ba ba rekang dinamane tse, ba di isa kwa mmarakeng o a reng o na le madi a mantsi.
Moanamisa mafoko a re go diphatsa go tlodisa dikgomo go tswa kwa kgaolong ya Ngamiland ka e le kgaolo e tshabelelwang ke bolwetse jwa tlhako le molomo.
“Kgaolo ya Ngamiland ke red zone ka jalo fa o tsaya kgomo kwa o bo o e tsisa mo kgaolong ya Boteti ke mokang o tsisang bolwetse jwa tlhako le molomo kwano mme ga go felele foo ka gore dikgomo tse di rekisiwa kwa borwa jwa lefatshe.’’
O tlhalositse fa kgwebo ya thekiso ya dikgomo tsa bogodu e baya Botswana mo diphatseng ka go bo nama e rekisetswa mafatshe a sele ka jalo se se ka dira gore ba kganele nama ee tswang mono.
O tsibositse beng ba matlhabelo go emisa go reka dikgomo tsa bogodu le go berekisana le makgamu a a utswang dikgomo.
Assistant Commissioner Motubi a re go tlhoka go tlhokomela leruo ke sengwe sa dilo tse di dirang gore bogodu jwa dikgomo bo ye magoletsa ka magodu a utswa dikgomo motlhofo.
O kopile beng ba meraka go tlhokomela le go tlhola badisa ba bone go itsa gore badisa ba bolawe ke tlala ba bo ba felela ba tlogela leruo le le nosi kana ba le rekisa go bona matsana.
Rre Motube a re go kgaolwa ga terata ya matlhoko a leruo ke magodu go tlodisa dikgomo tsa bogodu go baka tshenyo e ntsi ebile go kokonela puso ka go le turu go e baakanya.
A re terata ee senyegileng e baka diphatsa ka diphologolo tsa naga di felela di tlola fa terata e sentsweng teng go ya kwa di sa tshwanelang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAKALAMABEDI
Event : Potsolotso
Date : 08 Jun 2022