Breaking News

Kgosi Puso o rotloetsa magosi go lwantsha borukutlhi.

07 Jun 2022

Magosi a tshwanetse a iketleetsa go tshwaraganela go lwantsha boganana le mmuso E rile a neela magosi kgothatso eo ka Mosupologo, modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi Kgosi Puso Gaborone, a supa matshwenyego ka koketsego ya dipolao, dipetelelo le go ipolaya ga batho mo lefatsheng leno.

Kgosi Puso o boletes fa se sengwe se se tshwenyang e le dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba tsenang ka ‘ga re itse’. Ka jalo Kgosi Puso o ne a kopa magosi go oketsa maiteko a bone a go lwantsha bobaba joo, go aga le go tshegetsa seriti sa lefatshe la Botswana.

O rotloeditse magosi go buisana le merafe ya one go batla tharabololo ya mathata a. A re go dira jalo go ka rurifatsa gore go nna le kagiso mo morafeng le Batswana ka kakaretso.

 Kgosi Puso o ne gape a rotloetsa maloko a Ntlo Ya Dikgosi go thusana le mmuso go lwantsha segajaja sa COVID-19, e a tlhalositseng fa e santse e le teng e nanabelela batho, a re ke ka moo ba tsweletseng go kopana ka tiriso ya maranyane e le magosi. BOKUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Ntlo ya Dikgosi

Date : 07 Jun 2022