Ba lela ka tlhaelo ya lefatshe
07 Jun 2022
Tshekatsheko molao-motheo e tlaa bo e sa felela fa molao-motheo o ka tlhoka go itebaganya le dikgang di tsa tlhaelo ya lefatshe, tekatekano ya merafe le tiriso ya dipuo tse dingwe kwa ntle ga Setswana le sekgowa.
Baagi ba metse ya Ramokgwebana, Moroka, Mapoka, Nlapkhwane, Kgari le Masukwane ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo ka Mosupologo ko Ramokgwebana.
Kgosi Mollen Dube wa Ramokgwebana a re ere le mororo bontsi ja kgaolo ya Bokone Bophirima e dikologilwe ke dipolase tse di fetogileng dikgwa tse di senang beng, letlhoko la lefatshe le bifile thata mo kgaolong.
“Letlhoko la lefatshe le lentsi mo kgaolong e ka re dikaganyeditswe ke dipolase tse di senang beng,”o ne a bua jaana.
Mo go tse dingwe, Kgosi Dube o ne a ngongorega thata ka dikarolo dingwe tsa molao motheo tse a reng di rotloetsa kgethololo le semorafe.
Kgosi o ne gape a kopa gore lefoko “Kgosana”le ntshiwe le seegelwe kwa thoko a tlhalosa fa le nyenyafatsa. Moemedi wa morafe wa Ramokgwebana Rre Fidelis Machola o ne a iteela moroko mafoko a ga Kgosi Dube a seemo sa letlhoko la lefatshe mo kgaolong.
Rre Machola o ne a kopa gore thulaganyo ya go tlhopha matona mo mapalamenteng e boelwe kwa morago ka jaana go pataganya ditiro ka tsela e ntseng jalo go dira gore motho a seka a dira ka natla mo tirong.
Mo go tse dingwe, Rre Machola o ne a bolelela lekoko fa ele keletso ya banni ba Ramokgwebana go bona dipuo tse dingwe tse di dirisiwang mo lefatsheng leno di ka letlelelwa le gone gore molao-motheo o tshwanetse wa lekalekanya merafe yotlhe e e fitlhelwang mo lefatsheng leno.
Rre Simeon Matshanole wa Nlapkhwane le ene o ne a kaya fa thulaganyo ya nako eno ya go tlhopha kemedi kwa Ntlong ya dikgosi e sa lolama ka jalo e tlhoka go lejwalejwa gape gore e tle e akaretse merafe yotlhe ya lefatshe leno.
Moemedi wa Mapoka a re batho ba Mapoka ba dumela fa petelelo ele kgokgontsho ya maemo a kwa godimo ka jalo bao ba ba betelelang ba tshwanetse go atlholelwa toronko ya dingwaga tse masome a mabedi le botlhano.
O tlhaloseditse lekoko fa Tautona a tshwanetse go tlhophiwa ke setshaba eseng phathi jaaka ele tsamaiso ya nako eno.
Go ya ka Rre Habangana go tlhongwa mo tirong ga badirelapuso a maemo a magolwane jaaka baokamedi ba maphata a tsa itshireletso go tshwanetse ga dirwa ke palamente eseng Tautona.
“Re eletsa gape gore molao-motheo o sireletse ba bareki ba pele kgatlhanong le lekgetho ka go dira jalo go sa ba fe seriti sa gore ba ne ba direla lefatshe ka natla,”Rre Habangana atlhalosa.
Rre Milton Mapange go tswa kwa Moroka ene o ne a kopa gore tshekatsheko ya molao-motheo e dirwe morago ga dingwaga di le masome a matlhano mangwe le mangwe le gore lefatshe leno le sekaseke mogopolo wa go letlelela motho go nna le boagedi jwa mafatshe a mabedi.
Mme Vivian Thembe wa Jackalas no 1 o ne a kopa gore molao-motheo o seka wa letla ope yo o dirileng melato e tshwana le ya bo petelelo kgotsa polao go emela maemo ape fela mo setshabeng.
“Re kopa gape molao-motheo o kwalwe mo dibukaneng tse motho a kgonang go Tsamaya gongwe le gongwe ka one a o tsentse mo kgetsing,”o ne a kopa jaana.
Rre Menton Tshware ene o ne a kopa gore go tlhamiwe lephata la Tribal Affairs le le tlaa bong le eteletswe pele ke motho yo o kileng a nna Kgosi ebile a tlhaloganya dikgang tsa bogosi.
Mo go tse dingwe, Rre Tshware o ne a tlhalosa fa nako e gorogile gore beng ba metse e go fitlhelwang di tswa nageng ba seka ba jewa ntsoma ke bagwebi ba ba tsenang fela ka go bapala ba tlogela beng ba mafelo ba iphotlhere. Rre Thware o ne a ipoeletsa mo phuthegong ya makoko a a ikemetseng a kopa gore dikereke di sekegelwe tsebe ka go abelwa lefatshe la kobamo mo gare ga ditsha tsa bonno.
A re ditirelo tsa kereke di tshwanetse gape tsa tsewa ele ditirelo tsa botlhokwa fela thata.
Moemedi wa banana, Rre Wadza Malomo o ne a kopa gore thulaganyo ya go itlhophela makhanselara e dirisiwe go tlhamela banana le basadi diphatlha tsa mebereko.
“A re sekaseke gape thulaganyo ya tshenyo boimana gore a e ka seke e letlelelwe ka mabaka a mangwe ntle le a a setseng a le teng go itsa go senya boimana mo digotlong mo go diphatsa mo matshelonga batho,” o ne fetsa jaana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : RAMOKGWEBANA
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 07 Jun 2022