Mosadi o tshwerwe ka koloi
06 Jun 2022
Mapodise a Ramatlabama a tshwere mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa mabapi le koloi e go belaesegang e le ya bogodu.
Mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA, mookamela mapodise a Ramatlabama, Superintedent Zibani Mbisani o tlhalositse fa mme yoo a tshwerwe kwa kgorong ya molelwane a sena go tsena mo Botswana.
O tlhalositse fa mmelaelwa, yo o tlholegang kwa Afrika Borwa a paletswe ke go tlhalosa gore koloi ke ya ga mang. A re koloi eo ya Fortuner, e go lebegang e le ya kwa Afrika Borwa, ke dingwe tsa dikoloi tse go lebegang di ntsha magodu pelo thata, mme a re ke ka moo ba simolotseng go ditsenya leitlho thata fa di tlola molelwane.
Supt. Mbisani o tlhalositse gore tiragalo eo e diragetse ka labotlhano bosigo, mme mmelaelwa o tlaa tlhagelela fa pele ga lekgotla go lebisiwa molato wa bogodu.
O supile fa go lebega gona le setlhopha sa magodu a dikoloi tse di turang tsa modiro wa Ford Ranger le Fortuner, mme se aname le mafatshe a le mmalwa mo kgaolong ya borwa.
Supt Mbisani a re ka matlhatso ba tshwere banna ba le bararo ba ba fitlhetsweng ka setlhatshana se go belaelwang e le motokwane.
A re boraro joo, bo supile fa ba ne ba tswa kwa Mokatako, gaufi le terata ya molelwane, mme ba ne ba le mo tseleng go ya Gaborone.
Rre Mbisani a re banna bao ba ba dingwaga di fa gare ga masome a mabedi le borataro le masome a mararo le bobedi, ba santse ba le mo diatleng tsa mapodise go thusa ka ditlhotlhomiso.
Mo go tse dingwe ramapodise a Ramatlabama o supile fa ba tshwarisitswe bothata ke bogodu jwa dihutshane.
O supile fa dipego tsa bogodu jwa mohuta oo di goroga mo go bone morago ga sebaka, mme ka ntata ya tshwaragano ya bone le sepodise sa Afrika Borwa, nako e ntsi ba kgona go tshwara magodu ao, mme ba busetse barui leruo lwa bone.
O kopile barui gore ba itlwaetse go tlhatlhela leruo, ka seo seka ba thusa go lemoga fa diruiwa tsa bone di seo nako e sa ntse e le teng. ends
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOODHOPE
Event : potsolotso
Date : 06 Jun 2022