Breaking News

Molemi o akgola lenaneo

06 Jun 2022

Molemi wa masimo a Zhabazhe kwa Tutume Mme Kubi Magapa o akgotse lenaneo la puso la go rekela dikole tse dipotlana letlhafula, ka a kgona go itshetsa ka dipoelo tsa thobo ya gagwe.

Mme Magapa wa dingwaga tse di masome marataro le boraro wa kgotla ya Magapatona a re thulaganyo e, e mo lemotshitse fa temo e busetsa.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, molemi yo, o ne a re fa e sale lenaneo leo le tlhongwa, o leka ka bojotlhe go lema ngwaga le ngwaga, go rekisetsa dikole mmidi kana manoko go tshetsa ba lelwapa la gagwe.

Are lenaneo le, le thusa thata ka thobo e sa senyege jaaka pele, ka a sa tlhoke mmaraka jaaka pele.

Mme Magapa a re ke ka moo a tsibogelang mananeo ape a balemisi ba a anamisang, a re o nna tsebe ntlha go utlwa le go kopa dikgakololo mo go bone.

A re go sala morago ditaelo le go diragatsa se balemisi ba se buang ke pheko e tona mo temong.

Molemi yo, o na le dingwaga tse tlhano a lema ka kitso e a e amuleng mo balemising, A re ka ngwaga o monamagadi o ne a kgona go bona thobo e e nametsang mme a tlhabolole lelwapa la gagwe ka dipoelo.

Mme Magapa a re go lema ka ditselana, go tshela menontshane le go tlhagola mhero ke dintlha tse di ka ntshang maduo a a nametsang.

O tsweletse a kgothatsa balemi go tswelela ka temo ka e le selo sa sennelaruri e sa fele jaaka ditiro mme a ba kopa go rotloetsa banana go kgatlhegela temo le go gweba ka yone.

Mme Magapa a re mo mosepeleng wa gagwe o ne a kopana le dikgwetlho tsa go tsaya letlhafula kwa masimong go le isa kwa dikoleng ka a sena koloi a nna ka go thapa boradikoloi go mo thusa.

A re gape dipula tse di boutsana di dia thobo bogolo jang ya manoko.

Mme Magapa a re nako e manoko a a bong a siametse go rekisiwa kwa dikoleng madi a go reka letlhafula a abo a fedile, ka jalo molemi a iphitlhele a setse ka thobo e ntsi e sena bareki. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 06 Jun 2022