Mophato o kopiwa go tsaa Karolo
06 Jun 2022
Mophato wa Maabakgomo o kopilwe go tsaya karolo e e maleba le go rulaganya seabe sa bone mo meletlong wa tseo ya mohumagadi wa ga Kgosi Malope II wa Bangwaketse.
Kgosi Tirontle Kgopo wa Mokgomane ebile e le moemedi wa Mophato, o supile fa go tlaa nna le mokete wa tseo ya mohumagadi wa ga Kgosi Malope II, kgwedi ya Phalane mme dipaakanyo tsa moletlo di setse di simolotse.
Kgosi Kgopo yo a neng a buisa mophato wa Maabakgomo a re go tlaa nna moletlo kwa Lesotho, kwa mohumagadi a tlholegang teng, Lwetse a le 24, fa kwa Kanye e tlaa nna Phalane a le 7, fa mokete wa go ipelela dingwaga tse di lesome Kgosi Malope a busa o tlaa nna Phalane ale 5.
“Jaaka lo itse, re baakanyetsa mokete wa tseo ya mohumagadi wa ga Kgosikgolo Malope II, mme tiro e, e tlaa salwa morago ke mokete wa go ipelela dingwaga di le lesome Kgosi Malope II a ntse a busa morafe wa Bangwaketse,” Kgosi Kgopo a tlhalosa.
A re kgang kgolo ke go ipaakanyetsa tiro ya tseo le go ithulaganya gore seabe sa mophato e tlaa nna eng mo meletlong, le karolo e o tlaa e tsayang gore meletlo e tsamae jaaka go eletsega.
Kgosi Kgopo o supile fa nako e setse e tsamaile, mme mephato ka go farologana e tsweletsetse ka go ithulaganya mme le bone go le botlhokwa gore ba seka ba salela kwa morago. “Se se botlokwa ke go bona gore re ipaakanya jang re le mophato wa Maabakgomo le go rulaganya gore tsotlhe tse re tlaa di akanyang, di diragadiwe mo dkgweding tse tharo,” Kgosi Kgopo a supa.
O tlhalositse fa mophato wa bone o diegile go kopana jalo go tlhokega gore ba fefose dikakanyo.
“Mephato yotlhe e rerisitswe ebile e tsweletse ka go ipaakanya jaanong, re tshwanetse go bona gore re sega tema e e bonalang mo sebakeng se sekhutshwane se se setseng,” Kgosi Kgopo a tlhalosa.
A re ditiro tse ke ditiro tse di tona mme go na le komiti ya ba ba ithaopileng go tsamaisa dipaaakanyo mme keletso ke gore e le baemedi go tswa mo mephatong ka go falologana, ba tseye karolo go thusa.
“Re tshwanetse go tlhaloganya gore tiro e, e tlaa nna tiro e tona e e tlaa ngokang baemedi ba puso le batho ka bontsi go tswa khutlheng tse nne tsa lefatshe,” a supa.
Mophato o dumalane ka seabe sa bone mo meletlong, wa dumalana gore o tlaa ipharologanya jang le mephato e mengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : KANYE
Event : Thulaganyetso meletlo ya tseo ya mohumagadi wa ga Kgosi Malope II wa Bangwaketse
Date : 06 Jun 2022