Breaking News

Bagwebi ba rotloediwa go ithuta molao wa thekiso

05 Jun 2022

Bagwebi ba ba gwebang ka dijo ba kopilwe go ithuta ka melao e e amanang le tlhokomelo le thekiso ya dijo.

Mogolowane mo lekalaneng la botsogo mo lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Onneile Thibedi a re puso e dirile gore go nne le makalana aa tlhodumelang go bona gore tiriso ya dijo e tsamaya ka thelelo, e dira jalo ka ditshetlana tse di beilweng mo molaong.

O tlhalositse fa dijo tse di somarelwang sentle, di fokotsa malwetse a amangwang le dijo.

“Tshomarelo sentle ya dijo e raya gore, fa di tswa masimo, di bewe sentle gore di seka tsa bola ka na tsa nna le tshupa,” Mme Thibedi a tlhalosa.

Mme Thibedi o ne a bua kwa thutong e e nenng e tshwerwe ke Lepahata la Botsogo mo Gaborone ka Labone.

A re ke maikarabelo a mongwe le mongwe go netefatsa gore dijo tse a di rekang di siametse botsogo jwa mmele.

A re motho o tshwanetse go ela tlhoko gore dijo tse a di rekang di na le boleng, di tshwerwe sentle, di apeilwe sentle le gore a lefelo le le apeelang le phepa.

O supile gore e re le ntswa puso e na le melao go netefatsa gore barekisi ba tshwara dijo ka matsetseleko, go mo maruding a Batswana go ipabalela Mme Thibedi o ne a tlhalosa gore gangwe le gape dijo dingwe di akaretsa dijwalo le tse di tswang mo diruiweng ga di tshwarwe sentle. O file sekai ka dichefi tse molemi a di tshelang mo merogong, mme nako e ise e fete, a bo a setse a rekisa merogo eo.

O rotloetsa baapei ba dijo go netefatse gore ba dirisa dijo ka fa go tshwanetse, mme ebile go nne phepa gore di seka tsa kgotlelesega.

E re le ntswa bagwebi ba dijo ba etelwa go tlhatlhobiwa gangwe le gape, bangwe ba na le go itebatsa go rekegela tsa botsogo go tsamaisana le melao ya lefatshe leno. Mme Thibedi a re ngogola go ne ga nna le seemo sa gore dingwe dijo di busediwe ko madirelong a le boferabobedi ka mabaka a farologaneng ka gone go itemogetswe gore di na le botlhabetsi.

A re seo se ne se dirwa go babalela botsogo jwa setshaba.

Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa tsa dijo mo Lephateng la Botsogo, Mme Esther Rugara a re go tsaya boikarabelo mo dijong, go simologa fela ka pabalesego ya tsone go tswa kwa moding, e bong temo, go di isa kwa mabeelong gammogo le go di apaya.

A re dijo di kgona go kgotlelesega go tsweng fela kwa di lemilweng teng, go tsena le kwa kapeing ya tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 05 Jun 2022