Breaking News

Jacobs o tlhophilwe gape

05 Jun 2022

Modulasetilo wa Khansele ya Kgalagadi, Rre Hendricks Jacobs le mothusi wa gagwe, Rre Moratwa Lekolori ba boetse gape mo maemong a bone morago ga go etelela pele Khansele eo ngwaga tse pedi le sephatlo ka jaana ba ne ba sena baganetsi mo ditlhophong tse di neng di tshwerwe ka Labone.

Fa a amogela bodulasetilo, Rre Jacobs o ne a leboga thata makhanselara go mo neela sebaka sa go etelela pele Khansele a supa fa a itumelela ka fa a berekileng le bone ka teng.

A re makhanselara ba nnile le seabe ka go mo kaela, go mo ema nokeng le go mo fa dikgakololo tsotlhe tse ba di mo fileng mo nakong ee neng e le thata ya bolwetsi jwa COVID-19.

O ne a supa fa a na le tsholofelo ya gore batla tswelela fela jalo ka tshwaragano, tirisanyo le neelano e ba e supileng.

Rre Jacobs yo ebileng gape e le mokhanselara wa Bokspits-Struizendam o ne a kgothatsa makhanselara go bereka ba le seopo sengwe mme a ba gakolola go baya kwa pele dikeletso tsa setshaba.

Rre Jacobs o supile fa mo maetong a gagwe a go buisa diphuthego mo nakong ee fetileng banni ba kgaolo eo ba ne ba ngongorega ka makhanselara ka go tlhoka go buisa diphuthego go tla go ba tlhalosetsa ka tsotlhe tse ba di rerisanang kwa Khanseleng mme a ba kopa go tsibogela dingongorego tseo go etela merafe go rerisana.

Mothusa modulasetilo, Rre Lekolori le ene o ne a galaletsa badiri ka ene ka go nna le tshepo mo go bone go goga mmogo ka go itshupile fa maitlamo a bone a le magwe fela mme ele go tlhomamisa gore ditlhabololo le ditirelo di goroga kwa bathong ka nako e tshwanetseng.

Rre Lekolori yo gape e leng mokhanselara wa Lehututu/Maake go tswa Kgalagdi Bokone o boletse fa le ntswa ba ne ba le basha mo thomong ya bone ba kgonne ka kemonokeng ya makhanselara ka nako tsotlhe.

Jaaka e le tsamaiso ya molao motheo wa lefatshe leno bobedi joo bo ne jwa ikanesiwa ke motshwarelela molaodi wa Kgaolo ya Kgalagadi, Rre Bigboy Mangwa morago ga go boela gape mo maemong a bone.

Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa Tsabong Borwa, Rre John Lentshikang o ne a supa fa ba amogela ka diatla tsoopedi modulasetilo le mothusi wa gagwe mo maemong a bone.

Rre Lentshikang o ne a ba gakolola go tswelela ba bereka mmogo go direla setshaba se se ba romileng mme ba beela kwa thoko dipharologanyo tsa bone tsa diphathi ka seo se ka ba thusa go buelela morafe wa bone ka ditlhabololo ebile ba dira ka jalo ka tekatekanyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Ditlhopho tsa khansele

Date : 05 Jun 2022