Bogosi bo supa pelotlhomogi
05 Jun 2022
Kgosi Opelo Disang wa Mmashoro le mothusi wa gagwe, Kgosi Robert Modisagape ba agetse ba-na-le bogole matlwana a boitiketso.
Rre Obihetswe Legopelo wa motlhoka pono le Rre Mmmoniemang Odirile yo o sa kgoneng go tsamaya mme a dirisa kolotsana ke bobedi jo bo thusitsweng ka matlwana a boitiketso kwa Mmashoro.
Bobedi joo, ba kile ba bo ba itshetsa ka go disetsa beng ba loruo pele ba golafala.
Rre Legopelo wa dingwaga tse di masome a supa le motso o boletse fa a foufaletse kwa a neng a disa teng mme a tla go nna mo gae a sena se a se dirang ka a sa bone ebile bana ba gagwe ba sa dire gope, gape a sena mohumagadi.
O lebogetse mpho ka a tlaa seke a tlhole a tsamaele kwa sekgweng, kwa mongwe le mongwe a neng a mo ikakolela fela ka a sa bone.
Rre Odirile wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano ene o boletse fa a ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa sukiri le madi a matona mme a koafala mo a heletseng a gonegala leoto.
A re leoto le ne la mogoga dingwaga tse tharo a tsamaya le bongaka mme a sa thusege gope.
O boletse fa a tsamaile dipatela tse ditona jaaka Sekgoma, Marina, Mahalapye le Nyangabwe mme go sena tokafalo go fitlha gompieno jaaka a dirisa kolotsana.
Bobedi jo bo boletse fa ba kopile thuso kwa go ba boipelego, ba ba sa leng ba ba solofetsa go tla go ba sekaseka gore ba ka thusiwa jang mme nakokgolo ke eno.
Ba lebogile Kgosi Disang le monawe ka gore ba ne ba kopa thuso mo bathong ba ba neng ba sa ba thuse ka lerato.
Ntlwana ya ga Rre Odirile e agilwe ke Kgosi Disang ka P3 200, a ntsha mo kgetsing ya gagwe ebile a iphiretse badiri fa ya ga Rre Legopele e le thuso go tswa mo go Rre Modisagape.
Kgosi Disang o boletse fa a ne a bona ka fa borre bao ba neng ba sokola ka teng mme a bona gore a dire sengwe ka e le bangwe ba morafe wa gagwe.
Mokhanselara wa Mmashoro, Rre Kgosiesele Kgosiesele o lebogetse dikgosi gore ba bo ba bone fa go le maleba go thusa mo motseng wa bone le mororo madi a seke a lekana ka ba amogela lemmenyana fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MMASHORO
Event : Kabo dimpho
Date : 05 Jun 2022