Breaking News

Lekgotla la kabo ditsha la Palapye le tsweletse ka go baya ditsha

05 Jun 2022

Lekgotla la kabo ditsha la Palapye le tsweletse ka go aba ditsha morago ga lebaka le leleele go sa bewe ditsha.

Fa a bua kwa Radisele ka Labone, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye, Rre Isaac Maforaga o tlhalositse fa ba itlamile go aba ditsha di le 1 892 kwa kgaolong, mo mafelong a a farologaneng.

Rre Maforaga o ne a lekodisa baikopedi ba ditsha ba ba neng ba ile go bewa ditsha kwa Radisele gore ba ya go aba ditsha di le 540 kwa motseng .

A re maikaelelo ke go baya ditsha tsa bonno kwa Palapye, Radisele, Lerala, Majwaneng, Ratholo le Mokungwane go simolola Seetebosigo go tsena Sedimonthole

O ne a ba lekodisa ka melao e mesha, wa Tribal Act wa 2018 o o tlhalosang ka tiriso ya lefatshe, se e le go ba lemotsha ka diphetogo tse di teng.

Rre Maforaga o ne a ba itsise fa mo molaong o mosha, go sa tlhola go tlhokiwa gore motho fa a fetisetsa setsha kwa go yo mongwe a bo a se tlhabolotse. Le fa go ntse jalo, o ba itsisitse fa go dira diphetogo tseo motho a lopiwa madi a a kanang ka P3 000.

O tlhalositse fa Radisele a ne o wela mo lekgotleng la kabo ditsha la Mahalapye, mme phudugo ya teng e ne ya ba baya ka fa mosing ka dikopo dingwe di ne tsa salela kwa Mahalapye mme se sa baka gore baikopedi bangwe ba salele kwa morago.

Rre Maforaga o ne a tlhalosa fa baikopedi ba ba saletseng kwa morago ka go bo ba seo mo moleng fa ba tlaa baakanya seemo sa bone.

A re ba kopile gore ba ikwale maina ba ntshe le bosupi gore ba tle ba baakanyediwe mme ba tlaa thusiwa go setswe tsamaiso ya lekgotla la kabo ditsha morago.

O tlhalositse fa tsamaiso ya lekgotla la kabo ditsha e le go abela batho, go tswa mo go reng yo o ikopetseng pele e nne ene a neelwang pele.

Moanamisa mafoko wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye, Mme Kealeboga Malaolo o tlhalositse fa go tlaa bewa baikopedi go simolola ka ba ngwaga wa 2003 go fitlha ka ba 2008. Fa a tswa la gagwe Kgosi Shathani Mmereki wa Radisele o tlhaloseditse baikopedi fa lekgotla la kabo ditsha le ba arabile ka bontsi bo sa bolo go tsenya dikopo tsa ditsha.

Kgosi Mmereki o ne gape a re o tshwenngwa ke seemo sa gore le mororo ba ntse ba lela ka tiego ya peo ya ditsha, bangwe ba bone ba ya go di rekisa mme ba sena bonno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Simane

Location : RADISELE

Event : kabo ditsha

Date : 05 Jun 2022