Breaking News

Maemelo a dipalamo a tswalwa nakwana

05 Jun 2022

Maemelo a dipalamo a Mahalapye a a solofetsweng go baakanngwa a tla a tswalwa kgwedi eno e tlhola malatsi a le marataro .

Se se builwe kwa bokopanong jo bo neng bo tshwerwe ka Labotlhano go neela konteraka ya Tachmonite Holdings ee abetsweng  tendera  go simolola tiro.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi o tlhalositse fa ba neela konteraka tiro e ka tsholofelo ya gore ba tla go dira se ba se dumalaneng le konteraka ebile e dirwa le  ka madi a dumelwaneng..

O kopile rakonteraka gore a seka a ba swabisa, a re ga ba batle gore kamoso a bo a sa dira tiro sentle.

A re ba dirile tshwetso ya go baya leitlho thata e le khansele go netefatsa gore tiro e dirwa jaaka go solofetswe gore e wele sentle.

O ne a leboga ba dikgwebo ka bopelotelele ja bone, jaaka ba ne ba ntse ba sutisiwa, seemo se se neng se kgoreletsa dikgwebo tsa bone.

O kopile bojammogo mo go ba dikgwebo gore tiro e kgone go tlhofofala. Rre Merementsi a ba solofetse gore paakanyo e e tla wela pele ga malatsi a boitapoloso a kgwedi ya Phukwi gore mosuke o tle o kgone go laolesega botoka.

A re badirise ba maemelo ba tla a neelwa thulaganyo e e siameng go itsa kgotlhakgotlhano. O boletse fa pabalesego ba solofetse e ya go nna ya maemo a ntlha.

Mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Mahalapye, Mme Gomolemo Moepeng o kaile fa maemelo a, a jele madi a mantsi thata mo nakong e fetileng.

A re ba dumalane gore madi a ke a bofelo a a tla bong a tswela maemolo gore a baakanngwe mme a re o dumela fa rakonteraka a tla a tlhomamisa se. O ne a kopa rakonteraka gore a didimatse selelo se segolo sa Batswana, a re go berekiwe go tsentswe mashetla.

O kopile badirise ba maemelo gore ba dirisane mmogo, ba fe rakonteraka sebaka gore a dire tiro sentle ntle le sekgoreletsi sepe.

Fa a ba kgwa dikgaba, moemedi wa ga rakonteraka yo o abetsweng tiro e, Rre Oageng Lekaunyana o ne a lebogela tshono e ba e filweng go baakanya maemelo a dipalamo. A re mabogo a bone a tla a ba buelela mme a solofetsa gore tiro ba tla a e dira sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Bokopano

Date : 05 Jun 2022