Breaking News

A tiriso ya mafudiso e sekasekwe

05 Jun 2022

Tsamaiso ya lefatshe la mahudiso la morafe e tshwanetse ya fetolwa go tlhomamisa gore le dirisiwa ka tsela e le tlaa fang barui sebaka sa go ntsha dipoelo tse di botoka mo thuong ya bone.

Fa a rolela lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo dikeletso tsa bone kwa Sowa ka Labotlhano, moemedi wa mokgatlho wa Kokoro Integrated Farming Association, Rre Gosata Mosweu, o boletse fa tiriso ya lefatshe leo e sa itumedise ka jalo e tshwanetse ya sekasekwa.

Rre Mosweu o gakolotse gore lefatshe la mahudiso la morafe le kgaoganngwe mme le tsenngwe mo diatleng tsa barui ka bongwe ka bongwe kana ka ditlhotshwana mme ba le agelele fela jaaka go dirwa ka la temo.

 O kaile fa seo se ka nonotsha maiteko a go baya tiriso ya lone leitlho go rurifatsa gore le dirisiwa sentle, sa ba sa thusa barui go nna le seabe se se bonalang mo go thuseng go ntshetsa lefatshe la Botswana dijo.

 Moemedi wa lekgotla la babereki ba meepo kwa toropong ya Sowa Rre Gabedi Abofile ene o ne a itsese lekoko fa ba eletsa gore Batswana ba letlelesege go dupa, go epa ga mmogo le go rekisa ditswammung.

O boletse fa mo godimo ga moo ba batla gore batho ba go epiwang ditswammung mo mafelong a bone ba abelwe selakanyo sa botlhano mo lekgolong (5 %) sa diabe mo dikomponeng tse di epang ditswammung gore ba tle ba robe dipoelo le bone mo mahumong a a fitlhetsweng mo tikologong ya bone.

 Rre Abofile o bile gape a kopa gore batho bao e re ngwaga le ngwaga ba anywe meputso ya selekanyo se se rileng gore ba tle ba kgone go tlhabolola dikgaolo tsa bone, gore le motlhang go epiwa ga ditswammung go setse go eme ba bo ba sa sale ba iphotlhere.

 Mo boemong jwa maloko a mokgatlho wa babereki wa Manual Workers Union Rre Onosi Dilo o ne a kopa gore go tlhongwe lephata le le tlaa itebaganyang le dikgang tsa pereko.

 A re seo se ka thusa mo go tlotlomatseng ditshwanelo tsa babereki le go tlhomamisa gore dikgang tsotlhe tsa pereko di tshwarwa ka matsetseleko, selo se se ka tiisang le bone babereki moko mme sa tlhabolola le ka fa ba dirang tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi ka teng.

 Go sale foo, Rre Dilo o supile fa ba batla gore e re fa ba tlogela tiro ka bogodi, babereki ba pele ba letsatsi ba fiwe madi a bone otlhe a bogodi a ba a ipoloketseng.

 A re e re ka jaana madi ao a bone a le kwa tlase ga go ba sologele molemo gore ba fiwe lemmenyana mo go one kgwedi le kgwedi, mme a tlhalosa fa go ba a neela ka gangwe go ka ba thusa go a dirisetsa dilo tse di ka ba direlang letseno le le botoka go ya pele, kgotsa ba a dirisetse go tlhabolola matshelo a bone ka tsela epe fela e ba ka e ikgethelang. Rre Dilo o ne mo ntlheng e sele a kopa gore molao o sireletse badirelapuso kgatlhanong le go kgopakgopediwa ke mapolotiki kana diphathi tsa sepolotiki mo tirong ya bone.

 A re molao o tshwanetse wa papamala wa iletsa mapolotiki go itshunya nko mo tirong ya badirelapuso.

Mo boemong jwa mekgatlho ya babereki ya Botswana Public Employees Union (BOPEU), Botswana Teachers Unions (BTU) le Botswana Sectors of Educators Trade Union (BOSETU), Rre Boyd Basuti, o boletse fa ba eletsa gore e re ba tlogela tiro ka bogodi, badirelapuso ba fiwe bontlha bongwe jwa dipoloko tsa bone jo bo kwa godimo ga jo ba bo bonang mo nakong eno.

Rre Basuti a re bongwe mo borarong jo ba bo fiwang bo kwa tlase ka jalo ga bo ba letle go ka dira dipeeletso tse di nonneng tse e ka reng isago ba robe dipoelo tse di rileng mo go tsone. BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : SOWA TOWN

Event : Tshekatsheko molao-motheo

Date : 05 Jun 2022