Mapodisi a Kanye a tlhotlhomisa dintsho tsa batho ba le bararo
02 Jun 2022
Mapodisi a Sejelo kwa Kanye ba tlhotlhomisa dintsho di le tharo tse go fitlhetsweng batho ba tlhokafetse bosheng mo ditiragalong tse di farologanyeng.
Mookamela mapodisi a Sejelo Superintendent Mogomotsi Matlapeng o boletse mo potsolotsong gore ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng rre wa dingwaga tse di masome mane le bosupa wa kgotla ya Kgageng kwa Sesung a tlhokafetse.
A re tiragalo eo e begilwe ke batsadi ba rre yoo, morago ga gore ba mo fitlhele a rapaletse a sa apara.
Supt Matlapeng o tlhalosa fa rre yoo e ne e le molwetse wa tlhaloganyo, mme a ne a tlogetswe mo lwapeng a le nosi.
Mo kgannyeng e nngwe, Supt Matlapeng a re rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa kgotla ya Kgwakgwe kwa Kanye o fitlhetswe a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo ka Matlhatso.
A re ditlhotlhomiso di supa fa rre yoo a ne a kile a tlhoka kutlwisisanyo le mmaagwemogolo mme a kgalemelwa.
E ntse e le kwa Kanye, go bolelwa fa mme wa dingwaga tse di masome a supa le bosupa wa kgotla ya Mokuete, a fitlhetswe ke ngwana wa gagwe a tlhokafetse kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano.
Supt Matlapeng o tlhalosa fa mme yoo a ne a nna a le nosi, mme ngwana wa gagwe a ne a tsile go mo tlhola, ka maswabi a fitlhela matlhotlhapelo ao.
A re ga go na dipelaelo dipe tsa borukutlhi tse di ka amanngwang le kgang eo.
Ka jalo, o kopile setshaba go lekola masika kgapetsakgapetsa, bogolo jang bagolo ba ba nnang ba le nosi.
O ne gape a gakolola gore batho ba kope thuso mo bodireding bo tshwana le mapodisi, bommaboipelego, dikgosi le bagakolodi fa ba na le diemo tse di imelang maikutlo.
A re go dira jalo go ka fokotsa dikgang tsa go ikgapela botshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 02 Jun 2022