Ntsogotho ke modulasetilo
02 Jun 2022
Mokhanselara Ntsogotho wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) ke ene modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima.
O tlhophilwe ke makhanselara a le masome mabedi le boferabobedi kgatlhanong le mokhaselara yo o itlhophetsweng, Rre Bareetsi Bogaisang yo o boneng batlhophi ba le lesome le boferabobedi.
Rre Lekonne Masoko wa UDC le ene o ne a busediwa go nna mothusa modulasetilo ka batlhophi ba le masome mabedi le boraro kgatlhanaong le Rre Nico Folae wa Botswana Democratic Party (BDP) ka ba le masome mabedi le bobedi.
Mo ditlhophong tsa Khansele-potlana ya Maun Administrative Authority, Rre Vepaune Moreti wa UDC le ene o buseditswe go nna modulasetilo ke maloko a le lesome le boferabongwe, a fenya Brigadier Letsogile Motsumi wa BDP ka ba le lesome.
Kwa khanseleng-potlana ya Okavango, mokhanselara wa BDP, Rre Lesedi Boy o fentse modulasetilo wa pele Rre Mpoke Karapo wa UDC ka batlhophi ba fera bongwe kgatlhanong le ba fera bobedi.
E rile a ntsha mafoko a tebogo, Rre Ntsogotho a tlhalosa fa dingwaga tse pedi le sephatlo tse di tlang di tlaa nna pharologanyo, a tlhalosa fa tsa pele di ne di le thata ka go bo e rile morago ga ditlhopho tsa 2019, ga tlhagoga segajaja sa COVID-19 go apesa lefatshe.
A re le ntswa go ne go le COVID-19 khansele ya Bokone Bophirima e dirile go le gontsi ka go tlhomamisa gore dikole tsa Sexaxa le Jao di fiwa ditlankana go nna dikole tse di feletseng, a tlatsa ka go re sekole sa Tsodilo le sone se tlaa tlhomamisiwa mo bogaufing.
O kopile makhanselara go tshwara ka natla mo nakong e e setseng, go fitlhelela nako ya ditlhopho ka 2024.
Rre Ntsogotlho a re jaaka e le baeteledipele, ba tshwanetse go ithutha dikgaolo tsa bone thata, segolo bogolo dithabololo gore e re batlhophi ba botsa dipotso ba kgone go di araba.
A re bone e le baeteledipele ba tsaya ditshwetso go isa ditlhabololo kwa Batswaneng, mme go na le badirelapuso ba ba berekang le bone go di diragatsa.
O kopile bodiredi go dira ka natla ba tshwaragane le mapalamente le makhanselara, gore kgaolo ya Bokone Bophirima e gole.
Modulasetilo o ne a kopa botlhe ba ba tlhophilweng go etelela dikhansele le ba ba mo dikomiting go dire ka botswapelo.
Rre Ntsogotho o ne a tshephisa fa a tlaa dira ka natla, a bo a dirisana sentle le mothusi wa gagwe le botlhe go godisa kgaolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : khansele ya Bokone Bophirima
Date : 02 Jun 2022