Motsoko o bolaya botsogo le tikologo
01 Jun 2022
Motsoko ga o tshwakgole maikutlo le tlhaloganyo fela, mme o kometsa boraro le sephatlo mo lekgolong sa madi a a dirisiwang mo kalafing, o bo o bolae didikadike tsa batho mo lefatsheng ka bophara.
Go tsibosa setšhaba ka bodiphatsa ja motsoko mo botsogong ja batho, itsholelo le tikologo, ba Lephata la Botsogo le badira-mmogo ka bone, ba ne ba tshwara segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la go o lwantsha ka Labobedi.
E rile a ntsha lefoko la mmang-mmang mothusa tona ya botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe, a supa fa motsoko o bolaya batho ba le didikadike di feta borobabobedi ka ngwaga, le gore o senya gape le tikologo.
A re motsoko o ntsha selekanyo sa gase e e kgotlelang loapi ya ditone di le didikadike tse di masome-a-robabobedi le bone. Rre Lelatisitwe a re motsoko ga o kgotlele loapi fela, mme o itsa gape le lebopo le tsotlhe tse di mo go lone go ikemela kgatlhanong le dirai, o bo o senye mafaratlhatlha-a-botshelo le ditsompelo.
Mothusa tona a re dipatlisiso ka tiriso ya motsoko di supa fa batho ba ka tshwara didikadike tse di sekete ba goga letsatsi le letsatsi, mme lesome mo lekgolong la bone, ba tswa mo Afrika.
A re bontsi jo bo kanang ka borobabedi mo lekgolong ja bagogi ba motsoko, ke ba ba tswang mo mafatsheng a humanegileng le a itsholelo e e fa gare jaaka la Botswana.
Rre Lelatisitswe a re pego ya mafatshefatshe ka bokete ja go gogwa ga motsoko ya 2015 e supile fa Batswana ba ka nna dikete tse pedi ba tlhokafala ngwaga le ngwaga ka lebaka la malwetse a a bakiwang ke motsoko.
O ne a re: “Makala a botsogo a ka gale a rweleng mokgweleo, jaanong a tshwanelwa ke go tlhokomela bontsintsi ja balwetse ba kankere, go swa mhama, khupelo le malwetse a mangwe a a bakwang ke motsoko.”
O boletse fa mo Botswana go tlhokafala banna ba le lesome-le-bosupa le basadi ba le lesome-le-motso beke le beke ka lebaka la malwetse a a bakiwang ke motsoko.
Fela, o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le gatetse pele mo go laoleng tiriso ya motsoko le go itebaganya le ditlamorago tsa one mo botsogong.
A re maiteko ao a akaretsa go saenela tumalano ya Lekgotla la mafatshetshe la botsogo, ke gore WHO, e e tlamang mafatshe go lwantsha motsoko, ka ngwaga wa 2003 le go e diragatsa ka 2005.
Rre Lelatisitswe o tlhalositse gore molao wa taolo ya go goga mo Botswana o tlhomilwe ka 1992 mme wa tlhomololwa ngogola fa go ne go tlhongwa o o atolositsweng e bile o diragatsa ditsamaiso tsa WHO.
“Palamente e fitisitse molao oo, se setseng ke tiragatso ya one morago ga go tlhongwa ditsetlana,” a rialo.
E rile a latlhela la gagwe moemedi wa WHO, Dr Josephine Namboze a bolela fa temo ya motsoko e fokotsega lefatshe ka bophara, mme e oketsega mo Afrika, mo go lengwang selekanyo sa lesome le bobedi mo lekgolong sa motsoko otlhe mo lefatsheng.
Moemedi yoo a re selekanyo se se gaufi le masome a robabongwe mo lekgolong sa motsoko o o lengwang mo Afrika se ntshiwa ke mafatshe a a kwa botlhaba le borwa ja kontinente, go akarediwa la Zimbabwe, Zambia, Tanzania, Malawi le Mozambique.
Dr Namboze a re temo ya motsoko e na le seabe se segolo mo go nyeleleng ga dikgwa ka jaana go omeletsa matlhare a motsoko go tlhoka dikgong tse dintsi.
A re go omeletsa motsoko go na le seabe mo go nyeleleng ga lesome le bobedi mo lekgolong ga dikgwa tse di mo borwa ja Afrika.
O tladitse ka gore temo ya motsoko e tsenya botsogo ja balemi ba one mo diphatseng, go akarediwa go tôpegelwa ke matute a one ka nako ya fa o rojwa, mo go ka dirang gore motho a lwale thata, mme a tlhokafale mo mabakeng mangwe.
A re gape matshelo a balemi a mo diphatseng tsa go angwa ke melemo e e bolayang diji le lerole la motsoko.
Dr Namboze a re go lemosegile fa ditompi tsa motsoko di goga kwa pele ka leswefatsa tikologo, segolo jang ka di sa bole.
A re ka jalo he, lefatshe la Botswana le tshwanetse la tswelela e le lengwe la a a sa lemeng motsoko.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : tsiboso ka motsoko
Date : 01 Jun 2022