A Botswana a se bidiwe lefatshe la Sekeresete
01 Jun 2022
Go dira gore Botswana e nne lefatshe la Sekeresete ga go maleba ka go ka nyenyafatsa tshwanelo jwa batho ya go itlhophela ditumelo.
Monni wa Gumare, Rre George Maphane o boleletse lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go phutha megopolo ya tshekatsheko molao-motheo ka Laboraro fa tshwanelo ya motho ya go itlhophela tumelo e tshwanetse ya tlogelwa e ntse jalo mo molao-motheong.
Ka jalo, o kopile gore megopolo ya bangwe ya gore Botswana a kaiwe e le lefatshe la Sekeresete e seka ya amogelwa ka go dira jalo e tlaa bo e le kgatako ya ditshwanelo tsa batho ba e seng Bakeresete.
Mo boemong jwa lekgotla la baruti, Moruti Tendekani Oduetse o ne a ikuela mo lekokong gore baruti ba lemogwe ke molao ba bo ba akarediwe mo molao-motheong.
A re go thona gore e re le mororo baruti ba nale seabe se segolo mo go ageng setshaba ka go ema batho nokeng ka go ba tshegetsa mo go tsa semowa ba bo ba sa tlhagelele mo molao-motheng.
Moruti Oduetse o bile a sutisa gore dikereke di idiwe go kolobeletsa mo dinokeng go itsa kgotlelesego ya metsi.
A re leruo le diphologolo tse di ikaegileng ka metsi a dinoka ga se a tshwanela go bewa mo diphatseng tsa go nwa metsi a a kgotlelesegileng.
Fa a rola megopolo ya ba-na-le bogole, moemedi wa bone, Rre Tshepo Keonetse o ne a kopa gore mothusa molaola dipuisanyo tsa palamente a akarediwe ka fa tlase ga tshetlana 59 e e laolang tlhopho ya molaola-dipuisano.
Rre Keonetse a re fela jaaka molaola-dipuisanyo tsa palamente a tlhophiwa kwa ntle ga palamente, go tshwanetse ga nna jalo le ka mothusi wa gagwe; kgato e a kaileng fa e ka tlhomamisa gore boo-babedi ba dira tiro ya bone ntle le go tlhoka go sekamela kwa lekgotleng lepe la sepolotiki.
Mo go tse di ba amang, moemedi yoo o gakolotse gore ditshwanelo tsa ba-na-le bogole di kwalwe mo molao-motheong gore di tle di sireletsege.
A re ditsamaiso tse ba ikaegileng ka tsone ga di a lekana, ka jalo go botlhokwa gore molao-motheo e nne one seikokotlelo sa bone.
Tebang le go tlhophiwa ga makhanselara le mapalamente a tlaleletso, Rre Keonetse o ne a ntsha ngongora ya ka fa thulaganyo eo e ba ikgatholositseng ka teng.
A re go tshwanetse jaanong ga kwalwa mo molao-motheong gore ditilo tseo tsa makhanselara le mapalamente a a itlhophetsweng di ka kotangwa fela ka ba-na-le bogole.
Selo seo a re se ka tlhomamisa gore ba nna le seabe mo go tseweng ga ditshwetso gore dikeletso tsa bone di seka tsa kgaphelwa ntle kana tsa lebalesega.
Moemedi wa banana, Rre Ketshwanamang Lesego ene o boleletse lekoko fa ba eletsa gore boloko jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse bo bonwe fela ke motho fa a na le setlankana sa JC.
A re go tlhongwa ga seelo sa dithuto go ka tlhabolola tsela e dikomiti tseo di dirang tiro ka yone.
Mo boemong jwa magosana a motse, Rre Motshi Monamodi o kopile gore modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi a lekanngwe ka dithata le matona a puso, a bo a fiwe boikarabelo jwa go rarabolola dikgotlhang tsa bogosi.
Mo godimo ga moo, a re ba batla bogosi bo tlhomelwa lephata la jone, bo bo bo fudusiwa go tswa ka fa tlase ga lephata la dikgaolo le tlhabololo magae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : GWETA
Event : Tshekatsheko molao-motheo
Date : 01 Jun 2022